PINA 16
Bakang Jah ka Morwawe yo o Tloditsweng
1. Jah o tloditse Morwawe,
A mo naya Bogosi.
Puso ya gagwe ke ya tshiamo;
E tla busa ’fatshe lotlhe.
(KHORASE)
Bakang Jah Modimo wa rona.
Bakang le Jesu Kresete.
A re’ikanyegeng ka ’nako tsotlhe,
re reetse ’taelo tsa ’gwe.
Bakang Jah o tloditse Kreste,
ke Mmusi kwa legodimong,
O tloditswe gore a’itshepise
Leina la Modimo.
2. Batlodiwa ba tla busa
Le Kreste mo Bogosing.
Ba tla fetola ’fatshe leno
Gore e nne Paradaise.
(KHORASE)
Bakang Jah Modimo wa rona.
Bakang le Jesu Kresete.
A re’ikanyegeng ka ’nako tsotlhe,
re reetse ’taelo tsa ’gwe.
Bakang Jah o tloditse Kreste,
ke Mmusi kwa legodimong,
O tloditswe gore a’itshepise
Leina la Modimo.
(Bona le Diane 29:4; Isa. 66:7, 8; Joh. 10:4; Tshen. 5:9, 10.)