A O Ka Rata Go Bona Tshedimosetso E E Oketsegileng?
Boroutšhara jono bo na le molaetsa o o sobokantsweng le o o kgatlhang thata wa Baebele. Boikaelelo jwa yone ga se go tlhalosa ka botlalo sengwe le sengwe se Baebele e se rutang.
Ka sekai, gongwe o batla go itse gore Baebele e araba jang dipotso tse di jaaka tseno: A ruriruri Modimo o a nkgathalela? Go direga eng ka rona fa re swa? Nka bona jang boitumelo mo botshelong?
Dikarabo tsa dipotso tseno mmogo le tse dingwe tse di kgatlhang di fitlhelwa mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Buka eno e diretswe gore o ithute kgang e le nngwe ya Baebele mo kgaolong nngwe le nngwe ya yone. Mokgwa ono wa go ithuta o dira gore motho a kgone go bona ditemana tsa Baebele tse di buang ka kgang e a ithutang yone.
O ka bala kgotsa wa itseela boroutšhara jono kgotsa wa kopa go etelwa ka go tsenya kopo mo www.jw.org/tn.