LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bm karolo 1 ts. 4
  • Mmopi o Naya Batho Paradaise

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mmopi o Naya Batho Paradaise
  • Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Boikaelelo jwa Modimo Ke Gore Motho A Ipelele Botshelo mo Paradaiseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Re ka Ithuta Sengwe mo Banyalaning ba Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Ba Latlhegelwa ke Paradaise
    Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele—E na Le Molaetsa Ofe?
bm karolo 1 ts. 4
Adame le Efa mo tshimong ya Edene, ba dikologilwe ke diphologolo

KAROLO 1

Mmopi o Naya Batho Paradaise

Modimo o bopa lobopo mme o dira gore go nne le botshelo mo lefatsheng; o bopa monna le mosadi ba ba itekanetseng, o ba baya mo tshimong e ntle, mme o ba naya ditaelo tse ba tshwanetseng go di ikobela

Ditau, dinonyane, le kgama mo tshimong ya Edene

“MO TSHIMOLOGONG Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Mafoko ano a bidiwa mafoko a a simololang a a gaisang otlhe a a kileng a kwalwa. Baebele e dirisa mafoko ano a a motlhofo mme gone a le maatla, go re itsise Motho wa botlhokwa go gaisa botlhe mo Dikwalong tse di Boitshepo—Modimo mothatayotlhe, Jehofa. Temana eno ya ntlha ya Baebele e tlhalosa gore Modimo ke ene Mmopi wa lobopo lotlhe go akaretsa le polanete e re tshelang mo go yone. Ditemana tse di latelang di tlhalosa gore mo lobakeng lo loleele lwa nako lo lo bidiwang malatsi, Modimo o ne a re baakanyetsa lefatshe gore re kgone go tshela mo go lone, a bopa dilo tsotlhe tse dintle tse di mo lefatsheng la rona.

Sebopiwa sa botlhokwatlhokwa mo lefatsheng se Modimo a ileng a se bopa ke motho. Motho yono o ne a bopilwe mo setshwanong sa Modimo—a kgona go bontsha dinonofo tsa ga Jehofa tse di jaaka lorato le botlhale. Modimo o ne a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung. O ne a mmitsa Adame, mme a mmaya mo paradaiseng—tshimo ya Edene. Modimo o ne a lema tshimo eo, a e tlatsa ka ditlhare tse dintle e bile di ungwa maungo.

Modimo o ne a itse gore go tla nna molemo fa monna a ka nna le molekane. Ka jalo, o ne a dirisa nngwe ya dikgopo tsa ga Adame go mo direla mosadi mme a mo tlisa kwa go ene. Mosadi yoo o ile a bidiwa Efa. E re ka Adame a ne a itumetse thata, o ne a mmaka a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” Modimo o ne a re: “Ke gone ka moo monna o tla tlogelang rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.”—Genesise 2:22-24; 3:20.

Modimo o ne a naya Adame le Efa ditaelo tse pedi. Ya ntlha, o ne a ba laela gore ba leme lefatshe le go le tlhokomela mme fa nako e ntse e ya, ba le tlatse ka bana. Ya bobedi, o ne a ba raya a re ba se ka ba ja leungo la setlhare sengwe mo go tse di neng di le gone mo tshimong, “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:17) Fa ba ka le ja, ba ne ba tla swa. Fa Modimo a naya monna yono le mosadi ditaelo tseno, o ne a ba naya tshono ya go bontsha gore ba mo amogela e le Mmusi wa bone. Gape go nna kutlo ga bone go ne go tla bontsha gore ba a mo rata e bile ba a mo anaanela. Ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go amogela bobusi jwa gagwe jo bo siameng. Batho bano ba ba itekanetseng ba ne ba se na bogole bope. Baebele e re bolelela jaana: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.”—Genesise 1:31.

—E tswa mo go Genesise kgaolo 1 le 2.

  • Baebele e tlhalosa jang tsela e batho le lefatshe di neng tsa bopiwa ka yone?

  • Modimo o ne a dira gore monna le mosadi ba tshele jang?

  • Ke ditaelo dife tse Modimo a neng a di naya batho ba babedi ba ntlha?

LEINA LA MODIMO

Dikwalo tse di Boitshepo di bitsa Modimo ka direto tse di farologaneng tse di jaaka, Mmopi le Modimo Mothatayotlhe. Direto dingwe di gatelela dinonofo tsa Modimo, tse di jaaka boitshepo jwa gagwe, maatla a gagwe, tshiamiso ya gagwe, botlhale jwa gagwe le lorato lwa gagwe. Le fa go ntse jalo, Modimo o ile a ipha leina le le kgethegileng—Jehofa. Mo dipuong tsa ntlhantlha tse Baebele e neng e kwadilwe ka tsone, leina la Modimo le ne le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000, le tlhaga la ntlha mo go Genesise 2:4. Leina Jehofa le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Go itse seo go a gomotsa ka gonne seno se kaya gore Modimo o kgona go diragatsa boikaelelo bope fela jwa gagwe le tsholofetso nngwe le nngwe fela e a e dirang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela