Pina 28
Pina e Ntšha
1. Opelelang Jah, pina e ntšha ya boipelo.
Bolelang ka tiro tse dikgolo tsa ’gwe.
Bakang Jehofa, ke Modimo wa poloko.
Katlholo tsa gagwe di tletse tshiamiso
(KHORASE)
Opelang!
Pina eno e ntšha!
Opelang!
Jehofa ke Kgosi.
2. Opelelang Jah, Kgosi ya rona e’e maatla!
Bakang leina la ’gwe, lo mo neye tlotlo.
Bakang Jah lotlhe, lo opele ka boipelo.
Mmakeng ka harepa le ka terompeta
(KHORASE)
Opelang!
Pina eno e ntšha!
Opelang!
Jehofa ke Kgosi.
3. Wena lewatle le tsotlhe mo teng ga gago.
Opelelang Mmopi, lommakeng ka pina.
Opang diatla, dinoka le naga yotlhe.
Dithaba, dithota, opelang lo mma keng.
(KHORASE)
Opelang!
Pina eno e ntšha!
Opelang!
Jehofa ke Kgosi.
(Bona le Pes. 96:1; 149:1; Isa. 42:10.)