LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yp2 ts. 193
  • Sekao se se Molemo—Hesekia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekao se se Molemo—Hesekia
  • Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O re Neile Kgololesego ya go Itlhophela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • “A Nna a Ngaparela Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • “O ne A Ngaparela Jehofa”
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • Modimo o Thusa Kgosi Hesekia
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
yp2 ts. 193

Sekao se se Molemo—Hesekia

Botshelo jwa ga Hesekia bo tloga bo fetoga. O dingwaga di le 25 fela mme ke kgosi ya Juda. O tla nna kgosi e e ntseng jang? A o tla itetla go tlhotlhelediwa ke sekao se se sa siamang sa ga rraagwe e bong Kgosi Ahase? Ahase o ne a nna motlhanogi yo o sa ikwatlhaeng go fitlha a swa. O ne a rotloetsa kobamelo ya boheitane mme o ne a bo a fisa mongwe wa bomorwawe mo sebesong sa boheitane. (2 Ditiragalo 28:1-4) Le fa go ntse jalo, Hesekia ga a letle gore boitsholo jwa ga rraagwe jwa boitimokanyi bo dire gore a se ka a rata go obamela Jehofa e bile ga a ikutlwe a tshwanelwa ke go boeletsa diphoso tsa ga rraagwe. Go na le moo, Hesekia o nna a ‘ngaparetse Jehofa.’—2 Dikgosi 18:6.

A mongwe wa batsadi ba gago o sotla kobamelo ya ga Jehofa? A o lemaletse mokgwa mongwe o o kotsi kgotsa ke lekgoba la one? Fa go le jalo, ga o tlhoke go boeletsa diphoso tsa gagwe! Hesekia ga a ka a letla gore botshelo jo bo botlhoko kwa lelapa la gaabo bo senye botshelo jwa gagwe. Go na le moo, o ne a nna kgosi e e molemo jaana mo e leng gore “morago ga gagwe ga itshupa go se na ope yo o tshwanang le ene mo dikgosing tsotlhe tsa Juda.” (2 Dikgosi 18:5) Fela jaaka Hesekia, le wena o ka kgona go atlega mo botshelong le fa o lebane le maemo a a thata mo lelapeng la gaeno. O ka dira seo jang? Nna o ‘ngaparetse Jehofa.’

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela