Khabara E e Mo Gare
Mmadi yo o Rategang:
Kgosi Solomone yo o botlhale o ile a re: “Ipele wena lekau [kgotsa lekgarebe], mo bosheng jwa gago, mme a pelo ya gago e go itumedise mo malatsing a bokau jwa gago, o tsamaye mo ditseleng tsa pelo ya gago le mo dilong tse di bonwang ke matlho a gago.” (Moreri 11:9) Fa o sa ntse o le mosha, botshelo bo a itumedisa e bile bo monate, mme re batla gore o bo itumelele. Le fa go ntse jalo, re go kgothaletsa go dira jalo ka tsela e e itumedisang Jehofa Modimo. Le ka motlha o se lebale gore o kgona go bona se o se dirang ka botshelo jwa gago le gore o tla go atlhola go ya ka se o se dirang. Ka gone, ruri go molemo gore o tseye kgakololo eno ya ga Solomone tsia: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” —Moreri 12:1.
Re rapela ka tlhoafalo gore tshedimosetso e e mo bukeng eno e go thuse go fenya dikgatelelo le dithaelo tse basha gompieno ba lebanang le tsone le gore e go thuse go dira ditshwetso tse di dumalanang le thato ya Modimo. Fa o dira jalo, o tla ipedisa pelo ya ga Jehofa.—Diane 27:11.
Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa