Karolo 5
Tsa Madi
O tsaya madi a le botlhokwa go le kana kang gore o itumele?
□ Ga a botlhokwa
□ A botlhokwa go se kae
□ A botlhokwa thata
O rata go bua ka madi go le kana kang kgotsa ka dilo tse a ka di rekang?
□ Ka sewelo
□ Gangwe le gape
□ Ka metlha
Batsadi ba gago ba ka tswa ba ile ba go rerela gantsi gore madi ga a selwe. Ba nepile. Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore o dirise madi sentle. Le mororo madi a le botlhokwa, a ka ngomola pelo, a kgaoganya ditsala le go senya kamano ya gago le Modimo. Ga go pelaelo gore, tsela e o lebang madi ka yone e ka go ama thata. Dikgaolo 18-20 di tla go thusa gore o ka leba madi jang ka tsela e e tshwanetseng.
[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 148, 149]