Khabara ya Kwa Morago
LETSATSI LA GA JEHOFA . . . ke kgang e e umakiwang kgapetsa kgapetsa mo dibukeng tsa bofelo tse 12 tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Batho ba le bantsi ga ba itse go le kalo ka dibuka tseno tsa boporofeti, mme o tla fitlhela tshedimosetso e e mosola mo go tsone e o ka e dirisang mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi. A o itse gore o ka dira seo jang? Tsone dibuka tseno di ka go thusa jang go ipaakanyetsa letsatsi le legolo la ga Jehofa?