Karolo 4
Letela Letsatsi la ga Jehofa ka Boipelo
Jehofa o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go tlhagisa ka se se larileng kwa pele—go tshololwa ga bogale jwa gagwe. Mme ga re a tshwanela go mo tsaya e le Modimo yo o bogale. O “ipela ka [batho ba gagwe] ka mekgosi ya boitumelo.” Fa re ntse re lebeletse go tla ga letsatsi la gagwe le legolo, re na le mabaka a a utlwalang a go ‘ipela le go itumela ka pelo yotlhe.’ (Sefania 3:14, 17) O ka bontsha seno jang ka ditiro tsa gago le ka boikutlo jwa gago? Mme ke ka ntlha yang fa o ka lebogela se o se balang mo dibukeng tsa baporofeti ba ba 12?