Karolo 3
Itumedise Modimo Ka Boitshwaro Jwa Gago le ka Ditirisano Tsa Gago le ba Bangwe
O ne o ka araba jang potso e e reng: “Jehofa o kopa eng mo go wena?” (Mika 6:8) Dibuka tsa baporofeti ba ba 12 di re naya tshedimosetso ka kgang eno. Jaaka fa o tla bona mo go Kgaolo 8 go ya go 10 ya buka eno, dibuka tseo di ka go thusa go lebana le dikgwetlho tse di jaaka gore o ka nna jang motho yo o ikanyegang mo go sengwe le sengwe se o se buang le gore o ka tila thubakanyo jang. Gape o tla bona kgakololo e e mosola mo go tsone e e malebana le botshelo jwa lelapa, kgakololo e gongwe le wena o ka e dirisang.