LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bh ts. 221-ts. 222 ser. 2
  • A Jesu o Tsetswe ka December?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Jesu o Tsetswe ka December?
  • Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu
    Tsogang!—2013
  • Jesu o Tsholetswe Kae Mme o Tshotswe Leng?
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Tshotswe Leng?
    Tsogang!—2008
  • Botsalo jwa ga Jesu—Bo Nnetse Kae mme Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1985
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Totatota Baebele e Ruta Eng?
bh ts. 221-ts. 222 ser. 2

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

A Jesu o Tsetswe ka December?

BAEBELE ga e re bolelele gore Jesu o tsetswe leng. Le fa go ntse jalo, e re naya mabaka a a utlwalang a a dirang gore re swetse ka gore ga a tsalwa ka December.

Akanya gore maemo a bosa a ne a ntse jang ka nako eo ya ngwaga kwa Bethelehema, koo Jesu a neng a tsalelwa gone. Kgwedi ya Sejuda ya Kiselefe (e e tsamaelanang le kgwedi ya November/December) e ne e le kgwedi e ka yone go neng go le tsididi e bile pula e na. Kgwedi e e neng e tla morago ga eno e ne e le Tebethe (December/January). Ke kgwedi e e neng e le tsididi go gaisa tse dingwe tsotlhe mo ngwageng, mme ka dinako tse dingwe mo go yone kgwedi eo, go ne go wa kapoko mo dithabeng. A re bone gore Baebele yone e re bolelela eng ka tlelaemete ya lefelo leo.

Mokwadi wa Baebele e bong Esera o bontsha gore eleruri kgwedi ya Kiselefe e ne e itsege e le kgwedi e go neng go le tsididi e bile go na dipula ka yone. Fa Esera a sena go tlhalosa gore boidiidi jwa batho bo ne jwa kgobokana kwa Jerusalema “mo kgweding ya borobongwe [ya Kiselefe] mo letsatsing la bomasome a mabedi la kgwedi,” o bega gore batho ba ne “ba roromisiwa . . . ke meokodi ya pula.” Batho ba ba neng ba phuthegile ba ne ba bua jaana ka maemo a bosa a nako eo ya ngwaga: “Eno ke paka ya meokodi ya pula, e bile ga go kgonege go ema kwa ntle.” (Esera 10:9, 13; Jeremia 36:22) Ga go gakgamatse go bo badisa ba ba neng ba nna kwa kgaolong eo ya lefatshe ba ne ba tlhomamisa gore ba bo ba se kwa ntle le matsomane a bone bosigo ka kgwedi ya December!

Le fa go ntse jalo, Baebele e bega gore badisa ba ne ba le kwa nageng ba tlhokometse matsomane mo bosigong jo Jesu a tsetsweng ka jone. Tota e bile, mokwadi wa Baebele e bong Luke o bontsha gore ka nako eo, badisa ba ne “ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo” gaufi le Bethelehema. (Luke 2:8-12) Ela tlhoko gore tota badisa ba ne ba nna kwa ntle, e ne e se kgang fela ya go tsamayatsamaya kwa ntle motshegare. Ba ne ba ntshetsa matsomane a bone kwa nageng bosigo. A batho ba ne ba ka kgona go nna kwa ntle go le tsididi jalo e bile go na pula kwa Bethelehema ka December? Nnyaa. Ka jalo, go bonala maemo a bosa a nako ya fa Jesu a tsalwa a sa bontshe gore o tsetswe ka December.a

Lefoko la Modimo le re bolelela gore tota Jesu o sule leng, mme ga le re bolelele gore o tsetswe leng. Seno se re gakolola ka mafoko a ga Kgosi Solomone a a reng: “Leina le botoka go feta leokwane le le molemo, le letsatsi la loso go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone.” (Moreri 7:1) Ga go gakgamatse he go bo Baebele e bua thata ka bodiredi jwa ga Jesu le loso lwa gagwe mme e sa bue sepe se se kalo ka nako ya go tsalwa ga gagwe.

Badisa ba na le matsomane a bone kwa nageng bosigo gaufi le Bethelehema

Fa Jesu a tsalwa, badisa ba ne ba na le matsomane a bone kwa nageng bosigo

a Go bona tshedimosetso e nngwe gape, bona ditsebe 254-8 tsa Go Fetolana ka Dikwalo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela