Thuso ya go Tlhaloganya Baebele
Baebele e go tsholetse tshedimosetso ya botlhokwa thata.
• E tlhalosa se Mmopi a se buang ka bokao jwa botshelo.
• na le kgakololo e e molemo thata ya kafa go ka lebanwang ka teng ka katlego le mathata a botshelo gone jaanong.
• E tlhalosa se re tshwanetseng go se dira gore re amogelwe fa rotlhe re ema fa pele ga setulo sa katlholo sa Modimo.
Go tshwarwa dithuto tsa Baebele di feta 5 000 000 mo lefatsheng lotlhe.
O ka direlwa dithulaganyo tse di tsamaisanang le maemo a gago. GA GO DUELWE.
Romela kopo ya gago kwa atereseng e e gaufi le wena mo go tse di fa tlase fano, kgotsa o kope Mosupi wa ga Jehofa yo o nnang mo lefelong la gaeno gore a go thuse.