LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 53 ts. 268-ts. 271 ser. 1
  • Bareetsi ba Kgothaditswe e Bile ba Nonotshitswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bareetsi ba Kgothaditswe e Bile ba Nonotshitswe
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Nnang lo [Kgothatsane] Letsatsi Lengwe le Lengwe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Etsa Jehofa—Modimo yo o Nayang Kgothatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Makasine o o Ithutiwang)—2018
  • Jehofa o Tla go Nonotsha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Nnang lo “Agane”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 53 ts. 268-ts. 271 ser. 1

THUTO 53

Bareetsi ba Kgothaditswe e Bile ba Nonotshitswe

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Dira gore bareetsi ba gago ba nne le tsholofelo ba bo ba nne pelokgale. Ba kgothatse mme o ba nonotshe.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Lefatshe le gateletse batho thata. Ba le bantsi ba kgobega marapo. Se sebui se se buang le tsela e a se buang ka yone se ka ama bareetsi fela thata.

GO SA kgathalesege gore batlhanka ba Modimo ba lebane le mathata a a kana kang, ba tshwanetse gore ba kgone go bona kgothatso mo phuthegong ya Bokeresete. Gore ba kgone go dira seno, segolobogolo bagolwane ba tshwanetse go tlhomamisa gore dipuo tsa bone le kgakololo ya bone di a kgothatsa. Bagolwane ba tshwanetse go nna “jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.”—Isa. 32:2.

Fa e le gore o mogolwane, a dipuo tsa gago di a lapolosa e bile di a gomotsa? A di kgothatsa ba ba lekang go direla Jehofa ka boikanyegi? A di ba nonotsha gore ba tswele pele ba dira thato ya Modimo le fa batho ba sa kgatlhege kgotsa ba ganetsa? Go tweng fa e le gore bangwe ba bareetsi ba gago ba tshwenyegile thata mo maikutlong, ba na le mathata a a seng kana ka sepe a ikonomi kgotsa ba tshwerwe ke bolwetse bongwe jo bogolo jo bo sa alafegeng? O ka kgona go ‘nonotsha bakaulengwe ba gago ka mafoko a molomo wa gago.’—Jobe 16:5.

Dirisa tshono e o nang le yone jaaka sebui go thusa bakaulengwe ba gago gore ba nne le tsholofelo le gore ba nonotshiwe ke Jehofa le dilo tse a di re rulaganyeditseng.—Bar. 15:13; Baef. 6:10.

Ba Gakolole se Jehofa a se Dirileng. Tsela e e molemo thata ya go kgothatsa ba bangwe ke go ba bontsha kafa Jehofa a thusitseng batho ba gagwe ka gone fa ba ne ba le mo mathateng mo nakong e e fetileng.—Bar. 15:4.

Jehofa o ne a bolelela Moshe gore a “kgothatse” Joshua a bo a mo “nonotshe” pele Baiseraele ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, e ka nako eo ditšhaba tse dingwe tse e neng e le baba di neng di nna mo go yone. Moshe o ne a dira seo jang? Moshe o ne a gakolola setšhaba sotlhe fa pele ga ga Joshua dilo tse Jehofa a neng a di ba diretse fa ba ne ba tswa kwa Egepeto. (Dute. 3:28; 7:18) Gape, Moshe o ne a umaka dintwa tse Jehofa a neng a ba thusa go di fenya fa ba ne ba tlhabana le Baamore. Morago ga moo Moshe o ne a kgothatsa Joshua jaana: “O nne pelokgale o nonofe.” (Dute. 31:1-8) Fa o leka go kgothatsa bakaulengwe ba gago, a o ba nonotsha ka go ba gakolola dilo tse Jehofa a setseng a di ba diretse?

Ka dinako tse dingwe batho bangwe ba fekeediwa thata ke mathata a bone mo e leng gore ba ipotsa gore a ba tla tsamaya ba bona masego a Bogosi. Ba gakolole gore ba ka ikanya ditsholofetso tsa ga Jehofa.—Josh. 23:14.

Kwa dinageng dingwe, bakaulengwe ba rona ba lebana le melao ya puso e e ba thibelang go rera dikgang tse di molemo. Mo maemong a a ntseng jalo, bagolwane ba ba lorato ba ka thusa badumedi ka bone gore ba kgothadiwe ke dilo tse di neng tsa diragalela baaposetoloi ba ga Jesu Keresete. (Dit. 4:1–5:42) Gape, go bontsha tsela e Modimo a neng a tsamaisa dilo ka yone jaaka go begilwe mo bukeng ya Esethere ruri go tla kgothatsa bakaulengwe gore ba nne pelokgale.

Ka dinako tse dingwe go na le batho bangwe ba ba nnang teng mo dipokanong tsa phuthego mme ba sa dire kgatelopele epe. Ba ka nna ba nna le maikutlo a gore Modimo ga a kitla a ba itshwarela ka gonne tsela e ba neng ba tshela ka yone pele e ne e le maswe thata. Gongwe o ka tlotla ka tsela e Jehofa a neng a dirisana le Kgosi Manase ka yone. (2 Ditir. 33:1-16) Kgotsa o ka bua ka batho ba kwa Korintha wa bogologolo ba ba neng ba fetola tsela e ba neng ba tshela ka yone, ba nna Bakeresete, mme Modimo a ba bolela ba siame.—1 Bakor. 6:9-11.

A go na le bangwe ba ba nang le maikutlo a gore mathata a ba nang le one a bontsha gore Modimo ga a tlhole a ba amogela? O ka nna wa ba gakolola ka se se neng sa diragalela Jobe le kafa a neng a segofadiwa thata ka gone ka go bo a ile a boloka bothokgami jwa gagwe mo go Jehofa. (Jobe 1:1-22; 10:1; 42:12, 13; Pes. 34:19) Bagomotsi ba e seng bone ba ga Jobe ba ne ba re Jobe o tshwanetse a bo a ne a dirile boleo bongwe, mme ba ne ba sa bue boammaaruri. (Jobe 4:7, 8; 8:5, 6) Go farologana le seno, fa Paulo le Barenabase ba ne ba nonotsha barutwa e bile “ba ba kgothaletsa gore ba nnele ruri mo tumelong,” ba ne ba ba raya ba re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” (Dit. 14:21, 22) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, o ka nonotsha ba ba leng mo ditekong ka go ba bontsha gore Bakeresete botlhe ba tshwanetse go itshoka fa ba le mo pitlaganong e bile fa ba dira jalo ba tla bo ba dira se Modimo a se ratang.—Dia. 27:11; Math. 24:13; Bar. 5:3, 4; 2 Tim. 3:12.

Kgothaletsa bareetsi ba gago go akanya ka ditsela tse Jehofa a diragaditseng ditsholofetso tsa gagwe ka tsone mo matshelong a bone. Fa o ba gakolola dilo di sekaenyana fela, ba ka nna ba bona kafa Jehofa a setseng a ba thusitse ka teng, fela jaaka a solofeditse. Re bala jaana mo go Pesalema 32:8: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” Fa o thusa bareetsi ba gago go gakologelwa kafa Jehofa a ileng a ba kaela ka gone kgotsa kafa a ileng a ba nonotsha ka gone, o tla dira gore ba bone tsela e Jehofa a ba tlhokomelang ka yone le gore tota o tla ba thusa go feta mo ditekong le fa e le dife fela tse ba lebaneng le tsone gone jaanong.—Isa. 41:10, 13; 1 Pet. 5:7.

Bontsha Gore o Itumelela se Modimo a se Dirang Gone Jaanong. Fa o batla go kgothatsa bakaulengwe ba gago, dira gore ba lemoge se Jehofa a se dirang gone jaanong. Go bua ka dilo tseno ka tsela e e bontshang gore o a di rata go tla dira gore bareetsi ba gago le bone ba di rate.

Akanya ka tsela e Jehofa a re thusang ka yone go lebana le mathata a botshelo. O re bontsha tsela e e molemo thata ya go tshela. (Isa. 30:21) O tlhalosa mabaka a go bo go na le bokebekwa, go tlhoka tshiamiso, lehuma, bolwetse le loso e bile o re bolelela kafa a tlileng go fedisa dilo tseno tsotlhe ka gone. O re neile bakaulengwe ba bantsi ba ba lorato. O re neile tshiamelo e kgolo thata ya go bua le ene ka thapelo. O re neile tshiamelo ya go nna Basupi ba gagwe. O re senolela gore Keresete o setse a tlhomilwe mo setulong sa bogosi kwa magodimong le gore malatsi a bofelo a tsamaiso eno ya bogologolo a itlhaganelela go ya bokhutlong.—Tshen. 12:1-12.

Mo godimo ga dilo tse di molemo tseo, re na le dipokano tsa phuthego, dikopano tse dinnye le tse dikgolo. Fa o bua ka dithulaganyo tseno ka tsela e e bontshang gore o di anaanela ka tsela ya mmatota, o tla dira gore ba bangwe ba ikemisetse go kopana mmogo le bakaulengwe ba bone.—Baheb. 10:23-25.

Dipego tse di supang gore Jehofa o segofatsa se re se dirang mo bodireding jwa tshimo le tsone di a re nonotsha. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga fa Paulo le Barenabase ba ne ba le mo tseleng go ya Jerusalema, ba ne ba “dira gore go nne le boipelo jo bogolo mo bakaulengweng botlhe” ka go bega ka botlalo go sokololwa ga batho ba ditšhaba. (Dit. 15:3) Le wena o ka itumedisa bakaulengwe ka go ba tlotlela maitemogelo a a kgothatsang.

Gape ba tla kgothala fa ba thusiwa go lemoga gore se ba se dirang se botlhokwa go le kana kang. Ba akgolele se ba se dirang mo bodireding jwa Bokeresete. Akgola ba ba sa kgoneng go dira go le gontsi ka ntlha ya botsofe le bolwetse mme ba ntse ba itshoka ka boikanyegi. Ba gakolole gore Jehofa ga a lebale lorato lo ba lo bontshitseng leina la gagwe. (Baheb. 6:10) Tumelo e e lekilweng ke diteko e botlhokwa thata. (1 Pet. 1:6, 7) Bakaulengwe ba rona ba tshwanetse go gakololwa seno.

Bua ka Matlhagatlhaga ka Tsholofelo e re Nang le Yone. Ditsholofetso tse di tlhotlheleditsweng tsa dilo tse di tlang di kgothatsa thata mo go botlhe ba ba ratang Modimo. Gongwe ba le bantsi mo bareetsing ba gago ba utlwile mafoko ano gantsi. Mme o ka dira gore ditsholofetso tseno di utlwale di le boammaaruri tota mo go bone le gore ba nne le tshepo ya gore di tla diragadiwa le gore dipelo tsa bone di phophome ka boitumelo fa o bua ka tsone ka tsela e e bontshang kanaanelo. Go dirisa se o se ithutileng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo go ka go thusa go dira jalo.

Jehofa ka boene o kgothatsa batho ba gagwe thata e bile o a ba nonotsha. Le fa go ntse jalo, o ka thusana le ene ka go kgothatsa ba bangwe le go ba nonotsha ka tsela e e ntseng jalo. Fa o bua le phuthego, dirisa sebaka seo ka tsela e e molemo.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Fa o baakanyetsa puo, ikgakolole mathata a bangwe ba bareetsi ba gago ba nang le one. Akanyetsa ka kelotlhoko kafa o ka ba kgothatsang ka gone le go ba nonotsha.

  • Dirisa Lefoko la Modimo sentle. Bontsha gore se le se buang se amana jang le maemo a re lebaneng le one.

  • Bua go tswa pelong.

IKATISO: Fa o bala Baebele kgotsa o ithuta mo bekeng eno, tlhopha ntlha nngwe e o akanyang gore o ka e dirisa go kgothatsa ba bangwe. E tlotlele mongwe mo phuthegong.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela