LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 49 ts. 255-ts. 257 ser. 3
  • Go Ntsha Mabaka a a Utlwalang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Ntsha Mabaka a a Utlwalang
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditemana di Tsenyeleditswe Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Dikwalo di Tlhalositswe Sentle
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Kgang e e Rutang Bareetsi
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Kgothaletsa Bareetsi go Dirisa Baebele
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 49 ts. 255-ts. 257 ser. 3

THUTO 49

Go Ntsha Mabaka a a Utlwalang

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Ntsha bosupi jo bo kgotsofatsang go tshegetsa se o se buang.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Bareetsi ba gago ga ba kitla ba dumela se o se buang le fa e le go se dirisa ntle le fa ba tlhatswegile pelo gore se boammaaruri.

FA O bua sengwe, bareetsi ba gago ba na le tshwanelo ya go botsa gore: “Ke eng fa seo se le boammaaruri? Re na le bosupi bofe jwa gore re tshwanetse go dumela se sebui se se buang?” Jaaka morutisi, o na le boikarabelo jwa go araba dipotso tseo kgotsa go thusa bareetsi ba gago go bona dikarabo tsa tsone. Fa e le gore ntlha ya gago e botlhokwa thata mo go se o se buang, tlhomamisa gore o naya bareetsi ba gago mabaka a a nonofileng a go e dumela. Seno se tla dira gore se o se buang se tlhatswe pelo.

Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka tsela e e tlhatswang pelo. O ne a leka go fetola megopolo ya ba a buang le bone, ka go dirisa mokgwa wa go ntsha mabaka ka tsela e e utlwalang, a ba kgothatsa ka tlhoafalo. O ne a re tlhomela sekao se se molemo. (Dit. 18:4; 19:8) Ke boammaaruri gore batho bangwe ba ba nang le botswerere jwa go bua ba tlhatswa batho pelo ka tsela e e seng yone. (Math. 27:20; Dit. 14:19; Bakol. 2:4) Ba ka nna ba simolola ka go akanyetsa sengwe se se seng boammaaruri, ba ikanya dibuka tse di tshegetsang mabaka a bone, ba dirisa mabaka a a sa utlwaleng, ba itlhokomolosa mabaka a a sa dumalaneng le tsela e ba lebang dilo ka yone kgotsa ba dira gore batho ba tseege maikutlo go na le go dira gore ba akanye. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra dirisa epe ya mekgwa eo.

A Thewe Sentle mo Lefokong la Modimo. Ga re a tshwanela go ruta se se tswang mo go rona. Re leka go bolelela ba bangwe se re se ithutileng mo Baebeleng. Dikgatiso tsa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale di re thusitse thata mo tirong eno. Dikgatiso tseno di re kgothaletsa go sekaseka Dikwalo ka kelotlhoko. Mo godimo ga moo, re bontsha ba bangwe se Baebele e se buang, e se ka boikaelelo jwa go ba bontsha gore re bua boammaaruri, mme ka boikokobetso re dira gore ba iponele se e se buang. Re dumalana le Jesu Keresete, yo o neng a bua jaana fa a ne a rapela Rraagwe: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh. 17:17) Ga go na motswedi ope o o ikanyegang go feta Jehofa Modimo, Mmopi wa legodimo le lefatshe. Mabaka a rona a tla utlwala fa a theilwe mo Lefokong la gagwe.

Ka dinako tse dingwe o ka nna wa bua le batho ba ba sa itseng Baebele kgotsa ba ba sa e tseyeng e le Lefoko la Modimo. O tshwanetse go dirisa temogo gore o bone gore o ka bala leng ditemana tsa Baebele le gore o tla di tsenyeletsa jang. Mme o tshwanetse go leka go ba tlhokomedisa motswedi oo o o ikanyegang wa tshedimosetso ka bonako.

A o tshwanetse go tsaya fela gore fa o nopotse temana e e tshwanetseng o a bo o ntshitse lebaka le le utlwalang? Nnyaa. O ka nna wa tshwanelwa ke go bontsha moreetsi ditemana tse dingwe tse di dikologileng e o e balang go mmontsha gore tota temana eno e tshegetsa se o se buang. Fa e le gore o tlhalosa fela molaomotheo mongwe mo temaneng mme ditemana tse di e dikologileng di sa tlotle ka kgang eo, o ka nna wa tshwanelwa ke go ntsha bosupi jo bo oketsegileng. O ka nna wa tshwanelwa ke go dirisa ditemana tse dingwe tse di amanang le kgang eo gore o tle o kgotsofatse bareetsi ba gago gore se o se buang se theilwe sentle mo Dikwalong.

O se ka wa tlhalosa se se fetang se temana e se tlhalosang. E bale ka kelotlhoko. Temana eno e ka tswa e sa tlhomolole se o tlotlang ka sone. Le fa go ntse jalo, gore mabaka a gago e nne a a tlhatswang pelo, moreetsi wa gago o tshwanetse go bona se o se buang mo temaneng eno.

A Tshegediwa ke Bosupi jo bo Tlhomamisitsweng. Ka dinako tse dingwe, go ka thusa go dirisa bosupi jo bo tswang mo motsweding mongwe o o ikanyegang o e seng Baebele go thusa batho go lemoga kafa Dikwalo di utlwalang ka gone.

Ka sekai, o ka nna wa umaka dilo tse motho a di bonang mo popong go supa gore Mmopi o teng. O ka nna wa umaka melao ya tlholego, jaaka maatlakgogedi, o bo o tlhalosa gore go bo melao e e ntseng jalo e le teng go bontsha gore go na le Moneimolao. Mabaka a gago a tla bo a utlwala fa e le gore a dumalana le se se tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo. (Jobe 38:31-33; Pes. 19:1; 104:24; Bar. 1:20) Bosupi jo bo ntseng jalo bo a thusa ka gonne bo bontsha gore se Baebele e se buang se dumalana le bosupi jo bo kgonang go bonwa.

A o leka go thusa mongwe go lemoga gore tota Baebele ke Lefoko la Modimo? O ka nna wa nopola bakanoki bangwe ba ba bolelang gore ke lone, mme a seo se supa gore ke lone? Dinopolo tse di ntseng jalo di thusa fela batho ba ba dumelang se bakanoki bao ba se buang. A o ka dirisa saense go supa gore se Baebele e se buang se boammaaruri? Fa o ne o ka dirisa dikgopolo tsa borasaense ba ba sa itekanelang gore e nne bosupi jwa gago, o ne o tla bo o aga mo motheong o o reketlang. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o simolola ka go dirisa Lefoko la Modimo o bo o umaka se saense e se fitlheletseng go bontsha gore se Baebele e se buang se boammaaruri, mabaka a gago a tla bo a theilwe mo motheong o o nonofileng.

Le fa e ka tswa e le eng se o lekang go se ntshetsa bosupi, ntsha bosupi jo bo lekaneng. Go tla ikaega ka bareetsi ba gago gore go tlhokega bosupi jo bo kana kang. Ka sekai, fa o tlotla ka metlha ya bofelo e e tlhalosiwang mo go 2 Timotheo 3:1-5, o ka nna wa tlhokomedisa bareetsi ba gago pego nngwe e e itsegeng ya dikgang e e bontshang gore batho “ga ba na lorato lwa tlholego.” Sekai seo se le sengwe fela se ka nna sa bo se lekane go supa gore karolo eno ya sesupo sa metlha ya bofelo e a diragadiwa gone jaanong.

Go tshwantshanya—go bapisa dilo tse pedi tse di tshwanang ka sengwe se se botlhokwa—gantsi go ka thusa. Go tshwantshanya dilo jalo ka bogone ga go bontshe gore kgang e o buang ka yone e boammaaruri; boammaaruri jwa yone bo tshwanetse go bapisiwa le se Baebele ka boyone e se buang. Mme go di tshwantshanya jalo go ka nna ga thusa motho go bona gore kgang e o buang ka yone e a utlwala. Ka sekai, o ka nna wa tshwantshanya dilo ka tsela e e ntseng jalo fa o tlhalosa gore Bogosi jwa Modimo ke goromente. O ka nna wa tlhalosa gore fela jaaka dipuso tsa batho, Bogosi jwa Modimo bo na le babusi, batho ba ba busiwang, melao, tsamaiso ya boatlhodi le tsamaiso ya thuto.

Gantsi o ka dirisa dilo tse di diregileng ka mmatota mo botshelong go supa gore go botlhale go dirisa kgakololo ya Baebele. Gape, o ka dirisa dilo tse di go diragaletseng go tshegetsa ntlha e o e buang. Ka sekai, fa o bontsha motho botlhokwa jwa go bala le go ithuta Baebele, o ka nna wa tlhalosa kafa go dira jalo go tokafaditseng botshelo jwa gago ka gone. Moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa bakaulengwe ba gagwe ka go ba bolelela ka go fetoga ponalo mo a neng a go iponetse ka matlho. (2 Pet. 1:16-18) Paulo le ene o ne a umaka dilo tse di neng tsa mo diragalela. (2 Bakor. 1:8-10; 12:7-9) Gone ke boammaaruri gore ga o a tshwanela go bua thata ka dilo tse di go diragaletseng gore o se ka wa lebisa tlhokomelo e e feteletseng mo go wena.

E re ka batho ba godile ka ditsela tse di sa tshwaneng e bile ba sa akanye ka tsela e e tshwanang, bosupi jo bo tlhatswang motho yo mongwe pelo bo ka nna jwa se ka jwa kgotsofatsa yo mongwe. Ka jalo, akanyetsa maikutlo a bareetsi ba gago fa o dira tshwetso ya gore o tla dirisa mabaka afe le gore o tla a tlhalosa jang. Diane 16:23 e tlhalosa jaana: “Pelo ya yo o botlhale e dira gore molomo wa gagwe o bontshe temogo, mme e tsenya tlhotlheletso mo dipounameng tsa gagwe.”

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Go na le go bua dilo fela ka go di gatelela, ntsha bosupi jo bo kgotsofatsang go tshegetsa dintlha tsa botlhokwa.

  • Thaya mabaka a gago sentle mo Dikwalong.

  • Dirisa bosupi jo bo tlhomamisitsweng gore o fitlhelele se o ikaeletseng go se fitlhelela le gore o kgotsofatse bareetsi ba gago.

IKATISO: (1) Bula mo setlhogong se segolo se se reng “Jesu Keresete” mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo. Ela tlhoko kafa dipotso di arabiwang ka gone go dirisiwa Baebele thata. (2) Sekaseka motseletsele wa ditlhogo tse di simololang tsa makasine wa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! Tlhopha dintlha di le mmalwa tsa konokono tse go tlotlwang ka tsone. Thalela ditemana tsa konokono, o bo o tshwaye dintlha tse di tlhomamisang bosupi jo bo tlhalosiwang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela