Thulaganyo ya go Godisa Bokgoni Jwa Gago Jaaka Sebui le Morutisi
LE FA o ka tswa o sa ntse o le mmotlana kana o godile, o le monna kgotsa mosadi, sekolo seno se ka go thusa go itlhalosa sentle thata le go tshwanelega botoka go nna morutisi wa Lefoko la Modimo.
Molebedi wa sekolo o tla dira dikabelo tsa ba ba ikwadisitseng mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Mo ditsebeng tse tharo tse di latelang, o tla bona pampitshana ya gago ya kgakololo. Dinomore tse di mo teng ga masakana morago ga dintlha tse di farologaneng di tsamaisana le dithuto tse di mo ditsebeng tse di latelang. Mo dithutong tseno, o tla fitlhela go tlhalosiwa gore dikarolo tseno tsa go bua le go ruta di kayang le gore ke ka ntlha yang fa nngwe le nngwe ya tsone e le botlhokwa. Gape, o tla fitlhela go na le kaelo e e mosola ya kafa o ka dirisang dikakantsho tseno ka gone.
Mmala o o mo pampitshaneng ya kgakololo o bontsha gore ke dintlha dife tse di ka dirisiwang mo dikabelong tsa (1) go balela bareetsi, (2) go dira pontsho le batho ba le babedi kana go feta, kgotsa (3) go neela puo mo phuthegong. Molebedi wa sekolo o tla go abela ntlha e o tla berekelang mo go yone. Go ka nna molemo fa o berekela mo ntlheng e le nngwe ka nako. O tla solegelwa molemo fa o ikatisa ka tsela e e buelelwang kwa bokhutlong jwa thuto e o e abetsweng. Fa go bonala gore o kgonne go dirisa kgakololo ya thuto e o neng o e abetswe, mogakolodi wa gago o tla go naya ntlha e nngwe gape.
Fa e le gore kabelo ya gago e tlile go neelwa e le pontsho, o tla tlhoka go nna le seting. Go na le lenaane la diseting mo tsebeng 82, mme ga o tlhoke go dirisa tse di mo tsebeng eno fela. Mogakolodi wa gago a ka nna a akantsha gore o leke seting nngwe e e rileng gore o nne le maitemogelo, kgotsa a ka nna a go tlogela gore e nne wena o itlhophelang e o e batlang.
Go bala buka eno le go ikatisa le fa o sa baakanyetse dipuo tsa mo sekolong go ka thusa thata gore o gatele pele. Gongwe o ka dira gore beke nngwe le nngwe o bale thuto e le nngwe.
Le fa o ka tswa o na le nako e kana kang o le mo sekolong kgotsa mo bodireding jwa tshimo, o sa ntse o ka kgona go tokafatsa. E kete thuto e e rutwang mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo e ka go solegela molemo ka botlalo.