Ketapele
Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba itsegeng thata. Tsela e ba rerang ka yone le e ba obamelang ka yone e ile ya itsiwe ke batho ba merafe e e farologaneng le ditso mo lefatsheng ka bophara mme e ile ya dirwa le go dirisiwa ke bannye le bagolo, ba ba itsholetseng le ba ba sa itsholelang le ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang. Go nna tlhaga ga bone jaaka baboledi ba Bogosi jwa Modimo go ile ga kgatlha tota le eleng batho ba ba ba tshwayang diphoso. Go ratana ga bone go dira gore le e leng batho ba e seng Basupi ba eletse gore ekete batho ba ba oketsegileng le bone ba ka bo ba dira ka tsela e e tshwanang.
Lefa go ntse jalo, bontsi bo santse bo ipotsa gore, ‘Totatota Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba ntseng jang?’ Bangwe ba kile ba nna ba kwala ka bone, mme ba ne ba sa ba bue sentle ka dinako tsotlhe. Go lebega ba ne ba sa itse dilo tsotlhe ka bone. Eleruri ga go na yo o itseng hisitori ya bone ya segompieno botoka go ba gaisa. Barulaganyi ba buka eno ba ile ba e kwala ka maikaelelo mme ba bolela hisitori ya bone fela jaaka e ntse. Hisitori eno ya batho ba ba dumelang thata se Bibela e se bolelang le se e se rutang eleruri e tla kgatlha botlhe ba ba lemogang se Bibela e se bolelelang pele ka metlha ya bofelo.
Bagatisi