LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g21 no. 3 ts. 3
  • Ke Eng Se se Ka go Thusang go Dira Tshwetso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se se Ka go Thusang go Dira Tshwetso?
  • Tsogang!—2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mmopi a ka Dira Gore Botshelo Jwa Gago bo Nne le Bokao
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Nonotsha Tumelo ya Gago mo Mmoping
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Botshelo bo Simologile Jang?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
  • Mmopi wa Gago—Itse Kafa a Leng ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2021
g21 no. 3 ts. 3
Mosadi o ipotsa dipotso fa a ntse a lebile moruti a tshwere Baebele le moitsesaense a tshwere setshwantsho.

Ke Eng Se se Ka go Thusang go Dira Tshwetso?

“Botshelo bo itlhagela fela.”​—Stephen Hawking le Leonard Mlodinow, bomankge ba fisikisi.

“Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”​—Mafoko a Baebele, Genesise 1:1.

A lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone di bopilwe ke Modimo kgotsa di itlhagetse fela? Mafoko a bomankge ba fisikisi ba a buileng le a Baebele e a buileng a araba potso eno ka ditsela tse pedi tse di sa tshwaneng. Go na le batho ba ba dumalanang le bomankge bano le ba ba dumalanang le Baebele mme ba le bantsi ga ba itse gore ba dumele eng. Gantsi batho ba ngangisana ka kgang eno mo dibukeng le mo mananeong a thelebishene.

Gongwe o kile wa utlwa morutabana wa gago a re lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone di itlhagetse fela le gore ga go na yo o di bopileng. A o ne a ntsha bosupi jwa gore ruri ga go na Mmopi? Gongwe o kile wa utlwa baeteledipele bangwe ba re go na le Mmopi. A ba ne ba ntsha mabaka a a bontshang gore go na le Mmopi, kgotsa a ba ne ba go raya ba re o dumele mo Modimong le fa gone ba ne ba sa go naya bosupi jwa gore o teng?

Gongwe o kile wa akanya gore go na le Mmopi mme ga go na ope yo o kileng a go tlhalosetsa gore ruri o teng. Mme o ka tswa o ipotsa gore a tota o tlhoka go itse karabo ya potso eno.

Makasine ono wa Tsogang! o tlile go bua pele ka mabaka a dirileng gore batho bangwe ba dumele gore go na le Mmopi. Go tswa foo, o tla re tlhalosetsa lebaka la go bo karabo ya potso eno e le botlhokwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela