LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/15 ts. 3
  • Dikgotlhang mo Lelapeng—Di Bakwa ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgotlhang mo Lelapeng—Di Bakwa ke Eng?
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jakobe le Esau ba Dira Kagiso
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne A Sireletsa Lelapa la Gagwe a le Pelokgale
    Tsamaya le Modimo o le Pelokgale
  • ‘Batla Kagiso Mme o e Latelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Kafa o ka Dirang Kagiso ka Gone mo Lelapeng
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 12/15 ts. 3
Bana ba ba tshwenyegileng ba reeditse batsadi ba bone ba omana

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO DIRA KAGISO MO LELAPENG

Dikgotlhang mo Lelapeng—Di Bakwa ke Eng?

SARAHa yo o nnang kwa Ghana e bile a na le dingwaga di le 17 a nyalane le Jacob a re: “Gantsi madi ke one a dirang gore re lwe. Ke galefisiwa ke gore ke dira ka natla go tlhokomela lelapa mme Jacob ga a ke a bua le nna ka ditshenyegelo tsa rona. Re fetsa dibeke re sa buisane.”

Monna wa gagwe e bong Jacob a re: “Ee, go na le dinako tse ka tsone re lwang ka mafoko. Gantsi dikgotlhang di bakwa ke go bo re sa tlhaloganyane sentle e bile re sa tlotle. Gape di bakwa ke tsela e re itshwarang ka yone fa re lebane le maemo a a rileng.”

Nathan wa kwa India yo o sa tswang go nyala, o tlhalosa se se diragetseng letsatsi lengwe fa mogogwadiagwe a ne a omanya matsalaagwe. A re: “O ne a kgopisega a bo a tswa a tsamaya. Fa ke botsa rre gore goreng a ne a omana botlhoko jaana, o ne a tsaya gore nna mogogwadie ke a mo nyatsa. Mme o ne a re omanya rotlhe.”

Gongwe le wena o lemogile gore go bua sengwe se se sa siamang ka nako e e sa siamang go ka baka dikgotlhang mo lelapeng. Motlotlo o o monate o ka felela ka dikgotlhang. Ga go ope yo o ka buang se se siameng ka dinako tsotlhe, ka jalo, re ka nna ra se ka ra tlhaloganya se batho ba bangwe ba se buang kgotsa lebaka la go bo ba se buile. Le fa go ntse jalo, lo ka kgona go dira gore go nne le kagiso le kutlwano.

O ka dirang fa dikgotlhang di simologa? O ka dira eng gore go nne le kagiso mo lelapeng? Malapa a ka dira jang gore a nne le kagiso? Tsweetswee bala ditlhogo tse di latelang.

a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela