LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/15 ts. 14-15
  • O ne A Ngangatlela Se a Se Dumelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ne A Ngangatlela Se a Se Dumelang
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusana le Basupi ba ga Jehofa go Simolola Karo E E Dirwang Kwantle ga Tshelo ya Madi
    Tsogang!—1991
  • Kalafi le Karo Tse di sa Diriseng Madi di Batliwa Fela Thata
    Tsogang!—2000
  • Botshelo bo ka Bolokwa Jang ka Madi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dilo Dingwe tsa Boleng Jo Bo Tshwanetseng Tseo Di Ka Dirisiwang mo Boemong jwa go Tshelwa Madi
    Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 8/15 ts. 14-15

O ne A Ngangatlela Se a Se Dumelang

Go botsolotsa Song Hee Kang

Song Hee Kang

Fa Song Hee a le dingwaga di le 11, mmaagwe o ile a lemoga gore mokwatla wa morwadie o obegile ka tsela e e sa tlwaelegang. Ngaka nngwe e ne ya re o tshwerwe ke bolwetse jwa “scoliosis” jo bo dirang gore mokwatla o obege o bo o nna le popego ya tlhaka “C” kgotsa “S.” Boemo jwa ga Song Hee bo ile jwa nna maswe le go feta mo a neng a tshwanelwa ke go dirwa karo. Le fa go ntse jalo, Song Hee o ne a ka se dumele go tshelwa madi. “Tsogang!” e ne ya mmotsolotsa ka se se mo diragaletseng.

Lekgetlo la ntlha fa o bolelelwa ka bolwetse jwa gago, a dingaka di ne tsa kgona go go thusa?

Ke ne ka fetsa dingwaga di ka nna tharo ke tlhokometswe ke dingaka tse pedi, mme mokwatla wa me o ne o obegela pele. Tota e bile, maemo a ne a nna maswe le go feta ka gonne mokwatla wa me o ne o gatelela pelo le makgwafo mme seo sa dira gore ke se ka ka hema sentle. Ka jalo, ke ne ke tlhoka go dirwa karo.

A o ne wa dumela go dirwa karo?

Ee. Mme ke ne ka bolelelwa gore karo eo e ka se nne motlhofo. Ka nako eno, mokwatla wa me o ne o obegile thata ka didikirii di le 116. Le fa go ntse jalo, go dira karo eno e ne e le kgwetlho e kgolo thata mo go nna. E re ka se ke se dumelang se theilwe mo Baebeleng, ga ke a ka ka dumela go tshelwa madi.a

A o ne wa bona ngaka e e neng e ikemiseditse go go thusa?

Nna le mmè re ne ra bona ngaka e e dirang ka bolwetse jono mo kgaolong ya Florida, U.S.A. Le fa go ntse jalo, fa ke mmolelela gore ga ke tshelwe madi, o ne a re ga go ngaka e e ka kgonang go dira karo eo e e raraaneng kwantle ga go tshela molwetse madi. Gape o ne a mpolelela gore fa ke sa dire karo eno ke tla swa pele ke tshwara dingwaga di le 20. Ka nako eo, ke ne ke le dingwaga di le 14.

A o ile wa mo tlhalosetsa lebaka la go bo o sa tshelwe madi?

Ee. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore se ke se dumelang se theilwe mo Baebeleng, le gore Modimo o tsaya madi a le boitshepo, e ka ne e le a motho kgotsa a phologolo.b Tota e bile, Moiseraele o ne a bolawa fa a ka ja madi!c Gape ke ile ka mmontsha Ditiro 15:19, 20. Karolo nngwe ya yone e laela Bakeresete jaana: “Ithibe mo . . . mading.” Seno se raya gore madi ga a tshwanela go tsena mo mmeleng wa motho ka tsela epe fela—ka go a ja kgotsa go a tshelwa.

Ngaka e ne ya reng?

O ne a nna a gatelela gore ke tshwanetse go tshelwa madi. Se se gakgamatsang ke gore, kwa bookelong ke ne ka bolelelwa gore ga ke tlhoke go duela ditshenyegelo tsa karo fa nka tshelwa madi.

Ruri pitse e ne e ole ka disale! Jaanong lo ne lwa dira eng?

Le fa go ne go se ngaka epe e e neng e ikemiseditse go dira karo eno e sa ntshele madi, re ne ra ngangatlela se re se dumelang. Mme dilo di ne tsa nna maswe le go feta. Go ya ka puso, ke ne ke sa le monnye. E re ka boemo jwa me bo ne bo nna maswe le go feta, re ne ra isiwa kgotlatshekelo. Se se itumedisang ke gore, mmueledi wa kwa Florida o ile a re naya malatsi a le 30 gore re batle ngaka e e ka dirang karo kwantle ga go ntshela madi.

A lo ne lwa e bona?

Ee! Komiti ya Puisano le Dikokelo ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la rona e ne ya ikgolaganya le ngaka e e tlhaloganyang bolwetse jwa scoliosis mo New York e e neng ya dumela go dira karo mme ya tla go mpona. Ka jalo, re ne ra bona ngaka pele ga malatsi a le 30 a kgotlatshekelo e neng e re neile one.d

Karo e tsamaile jang?

E tsamaile sentle! Dr. Robert M. Bernstein o ne a gokelela ditshipi mo mokwatleng wa me. O ne a dira karo eo ka dikarolo tse pedi mo dibekeng di le pedi tse di sa tlhomaganang.

Goreng ka dikarolo tse pedi?

Fa ke ne ke ka latlhegelwa ke madi a mantsi mo karolong ya ntlha, mmele wa me o ne o tla nna le nako e e lekaneng go dira disele tse dikhibidu tsa madi pele a dira karolo ya bobedi. Dilo di ne tsa tsamaya sentle, ga ke a ka ka latlhegelwa ke madi a mantsi mo dikarolong tseo tse pedi e bile ke leboga go rulaganya dilo sentle, bokgoni le tiro e e duleng diatla ya baari. Gape ke ne ka kokotlela ka bonako, ke se na mathata a a ka bong a bakilwe ke go tshelwa madi.e

Ngaka e ne ya ikutlwa jang morago ga karo?

Dingaka di tshwanetse go tlotla batho

E ne e itumetse tota! E ne ya re: “Go thusa batho ka tsa kalafi ga se fela go dira dikaro.” E ne ya re dingaka tsotlhe di tshwanetse go tlotla batho, go akaretsa se ba se dumelang le se ba se tsayang se siame kgotsa se sa siama. Go na le batho ba le bantsi ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba ba ka dumalanang le kakanyo eo.

a Mmaagwe Song Hee ke Mosupi wa ga Jehofa. Song Hee o ne a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa ka 2012 a na le dingwaga di le 16.

b Genesise 9:3-5.

c Lefitiko 17:10-14.

d Komiti ya Puisano le Dikokelo e thusa balwetse ba Basupi go bona dingaka tse di ka ba thusang ka tsa kalafi ba sa tshelwe madi.

e Setlhogo sengwe sa Clinical Excellence Commission, New South Wales (Australia) Health, se tlhalosa dikotsi tsa go tshelwa madi jaana: “Go tshela motho madi ke go mo tsenya dithishu tsa motho yo mongwe. Ke ga tlholego fela gore mmele wa motho o gane go amogela serwe sa motho yo mongwe. Ka jalo, go botlhokwa gore tiro eno e dirwe sentle.”

DINTLHA KA SCOLIOSIS

Setshwantsho sa mokwatla o o obegileng

Mokwatla o o obegileng

  • Bolwetse jwa scoliosisf ga bo bakwe ke go sa eme sentle kgotsa go sa dule sentle kgotsa go tlhoka calcium

  • Malwetse a go obega mokwatla ga a tshelanwe

  • Dilo tse di diretsweng go tshegetsa mokwatla ga di o tlhamalatse mme di o thusa gore o se ka wa obegela pele

  • Go ara motho yo o tshwerweng ke bolwetse jwa scoliosis go ka se dire gore a palelwe ke go tshola bana mo isagweng

  • Ga go ise go itsiwe gore malwetse a mantsi a go obega mokwatla a ka thibelwa jang

  • Go goga motsoko go dira gore marapo a fole ka bonya

f E tswa mo bukeng ya: Spinal Deformity: Scoliosis and Kyphosis—A Handbook for Patients; “Diseases and Conditions—Scoliosis,” e e kwadilweng ke Badiri ba kwa Tliliniking ya Mayo, Mayo Clinic, U.S.A.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela