LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/15 ts. 10-11
  • Go Etela Costa Rica

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Costa Rica
  • Tsogang!—2015
Tsogang!—2015
g 1/15 ts. 10-11
Setshwantsho sa Costa Rica gaufi le lotshitshi

BATHO LE DINAGA

Go Etela Costa Rica

Mmapa o o bontshang Costa Rica

MAKGOLO a le matlhano a dingwaga a a fetileng, Ba-Spain ba ne ba etela kgaolo eno. Ba ne ba e bitsa Costa Rica (Lotshitshi lo lo Humileng), ba akanya gore ba ne ba tla bona gauta e ntsi—mme seo e ne ya nna matsapa a bophiri. Gompieno naga eno e itsege e le naga ya dimela le diphologolo tse dintsi e seng e le motswedi wa dimetale tsa botlhokwa.

Ba-Costa Rica ba bidiwa Ba-Tico ka gonne ba tlwaetse go dirisa “-ico” kwa bofelong jwa mafoko go nyenyefatsa dilo. Ka sekai, go na le gore ba re “un momento” (ema go se kae), ba ka re “un momentico” (ema go sekaenyana). Mo puong e ba e dirisang letsatsi le letsatsi gantsi ba re “¡pura vida!” (botshelo jo bo phepa!) fa ba leboga kgotsa ba dumalana kgotsa ba dumedisa kgotsa ba laela.

Segwagwa sa matlho a mahibidu sa ditlhare

Dikgwa tsa Costa Rica di na le dimela le diphologolo tse di farologaneng le tse di kgatlhang tse di jaaka segwagwa sa matlho a mahibidu sa setlhare (Agalychnis callidryas)

Dingwe tsa dijo tse Ba-Costa Rica ba di ratang ke gallo pinto (e fa e ranolwa jaaka e ntse e kayang “mokoko o o marontho”)—raese le dinawa tse di apeilweng di sa kopanngwa di bo di tsenngwa ditswaiso. Gallo pinto e ka jewa mo mosong, motshegare kgotsa maitseboa. Ba itirela café chorreado—kofi e e tshelwang mo setlhomong se gantsi se dirwang ka logong se se tsentsweng letsela mo teng.

Go na le diphuthego di ka nna 450 tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Costa Rica. Dipokano tsa bone di tshwarwa ka dipuo di le lesome, go akaretsa Puo ya Diatla ya Costa Rica le dipuo tse pedi tsa baagi ba kwa Costa Rica —Bribri le Cabecar.

A O NE O ITSE? Kwa Costa Rica go bonwe maje a a gabilweng a le makgolokgolo a a kgolokwe e bile a le borethe. Le legolo go a feta otlhe ke la boleele jwa dimmetara di le 2,4. Go akanngwa gore mangwe a one a na le dingwaga di feta 1 400. Ga go ope yo o itseng lebaka la go bo a dirilwe!

Maje a bogologolo a a kgolokwe a kwa Costa Rica

Maje a a kgolokwe

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Palo ya Batho: 4 878 000

  • Motsemogolo: San José

  • Puo: Se-Spain

  • Naga: Dipoa tse di mo lotshitshing tse di nang le dithaba

  • Puso: Temokerasi

ITEKE

Ke efe ya dilo tseno e o akanyang gore Costa Rica e na le tsone?

  1. Batho ba bantsi ba ba rutegileng ba kwa Western Hemisphere

  2. Sesole se se gatetseng pele

  3. Setlhaketlhake se babatlisisi ba feta 500 ba neng ba ya kwa go sone ba batla matlotlo a a fitlhegileng

Dikarabo: A le C. Karabo C e bua ka Setlhaketlhake sa Cocos, se se dikilometara di ka nna 560 go ya kwa bophirima jwa naga.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela