LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/14 ts. 12-13
  • Go Etela Cambodia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Etela Cambodia
  • Tsogang!—2014
Tsogang!—2014
g 4/14 ts. 12-13
Masimo a raese kwa Cambodia

BATHO LE DINAGA

Go Etela Cambodia

Mmapa wa Cambodia

METSE E E KOKOBETSENG MO METSING, dimmaraka tse di tlhanaselang, mebila e e tletseng ka dithuthu tse di rweleng dilo tse di farologaneng tse di jaaka dikoko tse di tshelang le diforiji—tseno ke dingwe fela tsa dilo tse o di bonang le go di utlwa kwa dikarolong dingwe tsa Cambodia.

Batho ba Cambodia ba itsege e le batho ba ba lorato, ba ba botsalano le ba ba seoposengwe. Fa ba itlotlela fela, ba ka bitsana kgaitsadiake, nnake, mmangwane, malome, mmemogolo, rremogolo—tota le fa e le lekgetlo la ntlha ba kopana!

Matlo a a agilweng mo godimo ga dikota tse ditelele mo godimo ga metsi

Batho bangwe mo Cambodia ba nna mo mekorong e e agilweng jaaka matlo mme ba bangwe ba nna mo matlong a a agilweng mo godimo ga dikota tse ditelele kgotsa mo godimo ga boalo jo bo kokobalang mo metsing. E bile go na le dikolo, ditleliniki, dimmaraka le mafelo a go tshelwang peterolo mo go one a a kokobetseng mo metsing

Leungo la Dragon

Leungo le le bidiwang dragon le ratega thata mo Cambodia

Raese ke sengwe sa dijo tse di jewang thata mo Cambodia. Go tlwaelegile gore fa go jewa go nne le mefuta e le menè ya dijo, gantsi sopo le yone e le teng. Tlhapi ke sejo se se ratiwang thata. Go tlwaelegile gore dijo tse di botshe, tse di botlha le tse di letswai di jewe mmogo.

Mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, bagwebi le batho ba bangwe ba Ba-India ba ba neng ba le mo tseleng ba ya China ba ne ba simolola go ya kgapetsakgapetsa fa losing lwa lewatle la Cambodia ba bo ba ananya sei le dimetale ka ditswaiso, logong lo lo nkgang monate, lonaka lwa tlou le gauta. Fa nako e ntse e ile, batho ba Cambodia ba ne ba tlhotlhelediwa ke India le China mme ka jalo Bo-Hindu le Bo-Buddha bo ne jwa anama. Gompieno diperesente di feta 90 tsa batho ba ba nnang koo ke Ba-Buddha.

Basupi ba ga Jehofa ba bolelela batho molaetsa o o nayang tsholofelo wa Baebele kwa Cambodia. Ba thusitse batho ba le bantsi ba dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? E gone ka dipuo di ka nna 250, go akaretsa Se-Cambodia.

Basupi ba ga Jehofa ba bolelela monna wa kwa Cambodia molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo

Batho ba feta 1 500 mo Cambodia ba ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ba bona dikarabo tsa dipotso tse di jaaka go re, “Baswi ba kae?” le “Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?”

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Palo ya Batho: Mo e ka nnang dimilione di le 14

  • Motsemogolo: Phnom Penh

  • Tlelaemete: Go bothitho mme go a tle go fise, go na le dipaka tsa dipula le tse pula e sa neng ka tsone

  • Dilo tse di romelwang kwa dinageng tse dingwe: Diaparo, dikgong, rabara, raese

Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? ka Se-Cambodia

Buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e gone ka Se-Cambodia (e bontshitswe fano).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela