LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 32
  • E Nthusitse go Fenya Mokgwa o o Maswe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • E Nthusitse go Fenya Mokgwa o o Maswe
  • Tsogang!—2012
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 32

E Nthusitse go Fenya Mokgwa o o Maswe

● Ngwaga o o fetileng go ne ga gololwa buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo I. Mo tsebe 180, e tlhalosa Diane 24:16, e e reng mosiami a ka wa ga supa mme o tla tsoga. Seno se ne sa thusa thata mosha mongwe yo o neng a re: “Setshwantsho se se mo tsebeng eo se mpontshitse gore Modimo o bona maiteko a me. . . . Buka eno e dirile gore ke lemoge gore nka kgona go dira gore dithapelo tsa me di nne maleba le go kopa Modimo gore a nthuse ka maikutlo a ke nang le one a go ikutlwa ke se na mosola. Ka jalo, ke tla kgona go mo rapela pele ke ineelela thaelo mme ka go dira jalo ke fenye mokgwa wa me o o maswe.

“Ke tshepa gore le fa ke ole makgetlo a feta 77 fa dingwaga di ntse di ya, ke tla fenya bothata jwa me. Ga ke tlhole ke ikutlwa ke le motho yo o leofileng go ba feta botlhe mo lefatsheng.”

O ka nna wa kopa go romelelwa khopi ya buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebe 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela