Go Gakgamadiwa ke Dilo Tsa Tlholego!
DIPATLISISO tsa saense di re neile tshedimosetso e ntsi malebana le kafa lobopo lo ntseng ka teng. Gone jaanong batho ba lo tlhaloganya botoka—go tloga ka dikarolwana tse dinnye go fitlha ka boatlhamo jo bogolo thata jwa lefaufau. Le fa go ntse jalo, dilo tse di sa ntseng di tlhoka go itsiwe di raraane ka tsela e e gakgamatsang.
Mo lefatsheng, re nna mo karolwaneng e nnyennye fela ya lobopo lo logolo thata. Le fa go ntse jalo, mo legaeng leno la rona la lefatshe, re gakgamadiwa ke dilo tse dintsi tse di raraaneng le tse dintle tsa tlholego—lelomo le lentle, tikologo e e jesang kgakge, mafofa a mantle a nonyane, diphuka tsa serurubele, phirimo ya letsatsi e e nang le mmala o mohibidu kgotsa go nyenya ga mongwe yo re mo ratang.
Batho ba le bantsi ba bone bosupi jo bo lekaneng mo lobopong gore ba dumele gore go na le Motswedi wa Dilo Tsotlhe yo o botlhale. Ga twe, melao ya fisikisi e bonala e rulagantswe ka matsetseleko go dira gore botshelo bo kgonege. Fa lobopo lo ka bo lo ile lwa dirwa ka tsela e e farologaneng go sekaenyana fela, go ne go se kitla go kgonega gore go nne le botshelo. Le fa go ntse jalo, gotlhe mo re lebang teng re bona ditshedi tse di farologaneng tse di kgatlhang.
Moithutalobopo e bong Paul Davies o ne a kwala jaana: “Fa lobopo lo ntse lo suta mme go nna le diphetogo, go bonala e kete go ne go na le thulaganyo e dilo di neng di tshwanetse go tsamaya ka yone . . . Dilo tsa tlholego ga se dilo fela tse di itiragaletseng ka kotsi mme ke bosupi jwa gore go na le melao e e beilweng ka matsetseleko e e di tsamaisang.” Baitsesaense bangwe ba dumalana le Davies. Mme ba bangwe ga ba dumalane le ene.
Ka sekai, moamogedi wa sekgele sa Nobel yo e leng mankge wa fisikisi e bong Steven Weinberg o ne a bolela jaana: “Fa go bonala lobopo lo tlhaloganyesega, ke gone lo nnang e kete lo tlhakanya motho tlhogo le go feta.” Se se gakgamatsang ke gore, Weinberg o ne a bolela gape gore “ka dinako tse dingwe go bonala dilo tsa tlholego di le dintle thata go feta kafa go tlhokegang ka teng. . . . Motho ga a kgone le go dumela gore dilo tseno tsotlhe tse dintle di ile tsa bewa mo lobopong gore di re solegele molemo.”
Boammaaruri ke eng? Fa e le gore dilo tseno di dirilwe ka matsetseleko, he, a ga go a tshwanela gore go bo go na le Modiri yo Mogolo yo o Matsetseleko—Motlhami, Mmopi—yo o nang le boikaelelo? A botshelo jwa rona le lobopo lwa rona di na le boikaelelo bongwe? Kgotsa a re nnile gone fela ka ntlha ya thulaganyo nngwe e e se nang boikaelelo bope? Ditlhogo tse di latelang di sekaseka dipotso tseno.