Se o Se Tlhokang se mo Baebeleng!
◼ Banyalani bangwe ba ba buang Sefora ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsena mo moagong wa difolete kwa toropong ya Ajaccio kwa setlhaketlhakeng sa Corsica kwa Mediterranean. Ba ne ba fitlhela enfelopo e e sa kwalwang sepe fa fatshe e na le di-euro di le 400. Mosadi o tlhalosa se ba ileng ba se dira morago ga foo: “Re ne ra kgomaretsa lekwalonyana mo lomating lwa dikitsiso lwa batho botlhe mo phashiting mme le ne le tlhalosa gore motho yo o latlhegetsweng ke enfelopo a ka re leletsa mogala mo nomorong ya rona.”
Maitseboa a a latelang mosadi mongwe o ne a re leletsa mogala. Fa a sena go ntsha bosupi jwa gore ke ene a latlhegetsweng ke madi ao, o ne a rulaganya go kopana le banyalani bao. E re ka a ne a gakgametse gore mongwe a ka busa madi a gagwe, o ne a tla a tshwere malomo. Enfelopo e e neng e mo latlhegetse e ne e tsentse madi a a neng a duetswe mme letsatsi le le latelang o ne a ya malatsing a boikhutso kgwedi yotlhe.
Ka nako ya fa a seyo, o ne a romelela banyalani bao karata, a ba leboga gape ka ntlha ya bopelontle jwa bone. Fa mosadi yoo a ne a boa, Basupi ba babedi bao ba ne ba mo etela mme ba bua le ene ka mosola wa Baebele mo botshelong jwa lelapa le mo boitshwarong jwa letsatsi le letsatsi, e leng dikgang tse di neng di mo kgatlha.
Ka go dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? banyalani bano ba ne ba dirisa tshono eo go tlotla ka dintlha di le mmalwa go tswa mo kgaolong e e nang le setlhogo se se reng “Kafa o ka Dirang ka Teng Gore Botshelo Jwa Lelapa la Gago bo Itumedise.” Seo se ne sa kgatlha mosadi yoo mme o ne a bolela jaana: “Aitsane, sengwe le sengwe se ke se tlhokang se mo Baebeleng!” Morago ga foo o ne a amogela thuto ya Baebele ya mahala.
Buka ya Baebele e Ruta Eng? ga e bue fela ka botshelo jwa lelapa mme gape e bua boammaaruri ka Modimo le Jesu Keresete mmogo le gore baswi ba kae, ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse go boga le ditlhogo tse dingwe tse dintsi tse batho ba tshwenyegileng ka tsone. O ka nna wa kopa khopi ya buka eno ka go tlatsa fela setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e tshwanelang kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.