LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/09 ts. 8-9
  • Sephiri 7: Motheo o o Nonofileng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sephiri 7: Motheo o o Nonofileng
  • Tsogang!—2009
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Go na Le se Se ka Tlisang Boitumelo mo Lelapeng?
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Lelapa le le Kgaoganeng—Kafa Tlhalo e Amang Bana ba Dingwaga Tsa Bolesome ka Teng
    Tsogang!—2009
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
    Itumelele Botshelo Jwa Lelapa
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 10/09 ts. 8-9

Sephiri 7: Motheo o o Nonofileng

Se seno se se kayang. Malapa a a nonofileng ga a tswelele a le gone fela kwantle ga maiteko ape, fela jaaka ntlo e ka se ka ya nna e eme fela ka masome a dingwaga. Moago o o nonofileng o tlhoka motheo o o nonofileng mme go ntse jalo le ka lelapa le le nonofileng. Malapa a a atlegileng a agiwa mo motsweding wa kaelo e e berekang.

Lebaka la go bo seno se le botlhokwa. Go na le dikgakololo tse dintsi malebana le botshelo jwa lelapa mo dibukeng, mo dimakasineng le mo dithulaganyong tsa thelebishene. Bagakolodi bangwe ba manyalo ba rotloetsa banyalani ba ba nang le mathata gore ba tswelele ba nne mmogo mme ba bangwe ba rotloetsa bone banyalani bao gore ba kgaogane. Bomankge ba bile ba fetola tsela e ba akanyang ka yone malebana le dikgang tse di ntseng jalo. Ka sekai, ka 1994, mankge mongwe yo o tumileng yo o itseng ka mathata a basha ba dingwaga tsa bolesome o ne a bolela gore pelenyana mo tirong ya gagwe, o ne a akanya gore “go botoka gore bana ba nne le motsadi a le mongwe yo o itumetseng go na le gore ba nne le batsadi ba ba nyalaneng ba ba sa itumelang. Ke ne ke akanya gore tlhalo ke tshwetso e e botoka go na le go kgaratlha mo lenyalong le le sa siamang.” Le fa go ntse jalo, morago ga maitemogelo a dingwaga di le masome a mabedi, o ne a fetola tsela e a akanyang ka yone. O ne a bolela jaana: “Tlhalo e utlwisa bana ba bantsi botlhoko thata.”

Dikakanyo tsa batho di a fetoga mme kgakololo e e molemolemo e motho a ka e bonang ka metlha ka tsela nngwe e tla bo e bontsha go tsamaisana le melaometheo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo, e leng Baebele. Fa o bala motseletsele wa ditlhogo tseno, o ka tswa o etse tlhoko gore go na le molaomotheo wa Baebele o o tlhalositsweng kwa godimo mo ditsebeng 3-8. Melaometheo e e ntseng jalo e thusitse malapa a le mantsi go bona katlego ya mmatota. Fela jaaka malapa a mangwe otlhe, le one a na le mathata. Pharologano ke gore Baebele e ba neile motheo o o nonofileng wa lenyalo la bone le botshelo jwa bone jwa lelapa. Re ka lebelela gore go nne jalo ka Baebele, ka gonne Mokwadi wa yone e bong Jehofa Modimo ke Mosimolodi wa lelapa.—2 Timotheo 3: 16, 17.

Leka se se latelang. Dira lenaane la ditemana tse di umakilweng kwa godimo mo ditsebeng 3 go ya go 8. Tsenya ditemana tse dingwe tsa Baebele tse di ileng tsa go thusa. Boloka lenaane la ditemana tseno le le gaufi mme o nne o di bala gangwe le gape.

Dira tshwetso. Ikemisetse go dirisa Baebele mo botshelong jwa lelapa la gago.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Ka motheo o o nonofileng wa Dikwalo, lelapa la gago le ka kgona go emelana le difefo tse di ka le tlhaselang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela