‘Lae e e Leng Jehofa Fela a Kgonang go e Bula’
◼ Ka 2007, Erika wa dingwaga di le thataro le Mattia ba ne ba tlhokafalelwa ke rrabone. Le fa go ntse jalo, botlhoko jwa bana bano bo ile jwa okobadiwa ke tsholofelo ya tsogo ya baswi, e Baebele e e tlhalosang sentle.—Ditiro 24:15.
Erika o rata go bolelela ba bangwe ka tsholofelo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng, segolobogolo kwa sekolong se a leng kwa go sone kwa Sicily. Ka sekai, fa tsala ya gagwe e bong Beatrice a ne a re rraagwe Erika o kwa legodimong gone jaanong, Erika o ne a araba ka bopelonomi a bolela gore Baebele ga e bontshe jalo. Beatrice o ne a botsa jaana: “O ile kae he?”
Erika o ne a araba ka gore: “O kwa lebitleng.” Gone fela foo, Beatrice o ne a batla go itse gore lebitla ke eng.
Erika o ne a tlhalosa jaana: “Lebitla le tshwana le lae e e bulegang le go tswalega. Mme fa lae eno e setse e tswetswe, ga o kgone go e bula. Ke Jehofa fela yo o tla kgonang go e bula fa lefatshe le lesha le tla.”
Go tswa foo Erika o ne a tlhalosetsa tsala ya gagwe gore Jehofa ke leina la Modimo, gore o tla dira gore lefatshe e nne paradaise, go tla bo go sa tlhole go na le bolwetse le gore baswi ba tla boa ba tshela gape. Morago ga foo, Erika o ne a botsa Beatrice gore a a ka kopa mmaagwe gore a go tla bo go siame gore a abelwe buka e e tla nnang mpho e e buang ka dilo tseno.
Malatsi a se kae moragonyana, fa Erika a ne a tlhomamisegile gore mmaagwe Beatrice o file Beatrice tetla, o ne a naya tsala ya gagwe khopi ya buka e e nang le setlhogo se se reng Go Ithuta mo Morutising yo Mogolo. Erika o ntse a tswelela go bolelela ba bangwe ka dilo tse a di ithutang mo Baebeleng mme e bile o setse a file le morutabana wa gagwe buka e e umakilweng fa godimo.
Gone ke boammaaruri gore Erika le monnawe ba sa ntse ba hutsafala ka dinako tse dingwe ka ntlha ya go tlhokafala ga rrabone. Mme tsholofelo ya tsogo e dira gore ba ikutlwe botoka, e ba tlhomamisetsa gore ba tla boa ba bona rraabone yo o rategang gape. Fa ba ntse ba letetse letsatsi leo, bana bano, fela jaaka ba bangwe ba bantsi go ralala lefatshe, ba leboga Jehofa Modimo wa kgomotso ya mmatota.—Mathaio 21:16; 2 Bakorintha 1:3, 4.
O ka nna wa kopa khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256, e e nang le ditshwantsho tse dintle, e e lekanang le makasine ono. Tlatsa fela setlankana se se fa tlase fano mme o bo se romela kwa atereseng e e tshwanelang kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.