Batsadi ba ba Ineetseng ba ba Dirisanang Mmogo
◼ Dithemperetšha tsa naga e e setlhaba mo Afrika Borwa di tsididi thata. Go tswa mo ofising ya me e e bothito e e mo boalong jwa boraro, ke nna ke lebile setlhare se se se nang matlhare se ntse se phailelwa kwa le kwa ke phefo e e tlhabang ya mariga. Mo dikaleng tsa setlhare, leeba le le tonanyana le thuthafatsa ditlhopha tse pedi tsa mamphorwana a lone a a nang le malatsi a le mararo.
Pele ga mae a ntlha a beelwa, leeba le le tonanyana le le le namagadi a dirisana mmogo go aga sentlhaga—le le tonanyana le tlisa dikalana mme le le namagadi lone le di baya sentle. Maeba ano a ne a dirile tiro e e duleng diatla ka gonne diphefo tse di maatla tsa mariga ga di a kgona go senya sentlhaga seno, se jaanong e leng legae la ditlhopha tse pedi tsa mamphorwana. Leeba le le namagadi le elama mae bosigo; fa le le tonanyana lone le a elama motshegare. Morago ga dibeke di le pedi mae a tla bo a thuthuga. Pele ga dibeke tse dingwe gape tse pedi di fela, mamphorwana ano a tla bo a godile e bile a nonofile gore a ka fofa.
Reetsa! A o kgona go utlwa go mokuruetso o o monate, o o utlwalang jaaka e kete motho o tshegela kwa tlase? Leeba le le namagadi, le mometso wa lone o tletseng ka dijo tse le tla di nayang mamphorwana a lone a a tshwerweng ke tlala, le itsise gore le gorogile le gore le siametse go ka golola molekane wa lone. Tota le fa mamphorwana a setse a kgona go fofa, batsadi ba one ba tla tswelela ba a fepa go fitlha a kgona go itlhokomela.
Gantsi ke kgatlhiwa ke tirisanommogo le tlhokomelo e e lorato e e bontshiwang ke dinonyane tseno, tse mokgwa wa tsone o fetelang mo kokomaneng e e latelang. Seno se nkgopotsa mafoko a Pesalema 86:8 a a reng: “Ga go na ope yo o tshwanang le wena . . . , wena Jehofa, e bile ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le tsa gago.”
Mo Lefokong la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele e e Boitshepo, Jehofa Modimo o neile batsadi kaelo e e ka ikanngwang fela jaaka botlhale jwa tlholego jo a bo neileng maeba. Ka sekai, Baebele e rotloetsa bommè, “go rata bana ba bone.” (Tito 2:4) Mme e raya borre e re: “Lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4; 1 Timotheo 5:8) Re ka tlhomamisega gore batsadi ba ba dirang dilo tseno ba botlhokwa tota mo matlhong a Modimo.