‘E Araba Dipotso Tsa Rona’
◼ ‘E araba dipotso tsa rona.’ Ke se basha ba se bolelang ka buka e ntšha ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 2. Jessicah wa kwa Texas, U.S.A. a re: “Ke ne ke ikutlwa ke tlhakane tlhogo ke sa tlhomamisege ka se ke leng sone. Buka eno e ne ya nkgothatsa tota. Go ile ga nthusa go itse gore go na le basha ba le bantsi ba dingwaga tsa bolesome, ba le bone ba kopanang le mathata fa ba ntse ba leka go direla Modimo. Buka eno e ne ya araba mo e ka nnang potso nngwe le nngwe e ke neng ke na le yone malebana le go nna mosha.”
Breann wa kwa Colorado, o ne a bolela jaana: “Buka ya lona e thusa batsadi le bana go buisana ka tsela e e kgothatsang, jaaka lo ne lo batla gore e dire. Fa ke batla go bua le mmè, ke tsaya buka eno mme ke bo ke bala ka tlhamalalo go tswa mo go yone. Tsala nngwe ya me le ene o ikaeletse go bua le batsadi ba gagwe morago ga gore a bale buka eno.”
Dikgaolo tsa ntlha tsa buka eno di tlotla ka dilo tse gantsi basha ba akanyang ka tsone—botsalano jwa bone le batho ba bong bo sele. Katrina wa kwa New Jersey o ne a kwala jaana: “Buka eno e ne ya nonotsha boikemisetso jwa me thata mo e leng gore go sa kgathalesege gore mang a reng, ga ke a ikaelela go intsha le mongwe. Tota e bile, fa motho a se mo lenyalong o nna le ditshono tsa go dira dilo tse dintsi tse di itumedisang! Ga ke batle go tlogela go dira dilo tseo gone jaanong. Mme fa ke siametse go intsha le mongwe, ke tla bo ke itse botoka gore ke batle eng mo molekaneng le gore ke dire eng.”
O ka nna wa kopa go romelelwa khopi ya buka eno ka go tlatsa fela setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e mo setlankaneng seno kgotsa mo atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa tsweetswee ke kopa gore lo nthomelele khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Jessicah
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Breann
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Katrina