“O ka Falola Jang Bokhutlo Jwa Lefatshe?”
◼ Baebele e kaya eng fa e bua ka bokhutlo jwa lefatshe, kgotsa jwa tsamaiso eno ya dilo? A e bua ka ntwa ya lefatshe ya nuklea e e ka fedisang batho botlhe? Kgotsa a e bua ka dikotsi tsa tlholego tse di diregang tse di jaaka go wa ga asteroid? Se se kgatlhang ke gore Baebele ya re, “boidiidi jo bogolo” jwa batho bo tla falola bokhutlo jwa lefatshe. (Tshenolo 7:9, 10, 14) E tla nna bomang? A o ka nna mongwe wa bone?
Dipotso tse di botlhokwa tseo di tla arabiwa mo puong ya phatlalatsa e e nang le setlhogo se se reng: “O ka Kgona Jang go Falola Bokhutlo Jwa Lefatshe?” E tla neelwa kwa dikopanong tsa kgaolo tsa “NNA LO DISITSE!” tsa Basupi ba ga Jehofa tse di tla simololang ka May kwa United States mme di bo di tswelela pele go ralala lefatshe. O lalediwa ka lorato gore o nne teng kwa kopanong e e gaufi le mo o nnang teng. Ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona, kgotsa kwalela bagatisi ba makasine ono.