Puo ya go Letsa Molodi—Tsela e e Botlhale ya go “Bua”
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MEXICO
◼ Kwa dithabeng tsa Oaxaca, kwa Mexico, batho ba ba nnang koo ba Ba-Mazatec ga ba na difouno tsa mo ntlong le difouno tsa selula. Le fa go ntse jalo, ba kgona go buisana ba le kwa kgakala mo e ka nnang sekgala sa dikilometara di le pedi kgotsa go feta—ka sekai, fa ba ntse ba bereka mo masimong a kofi kwa thabeng. Sephiri sa bone ke eng? Bogologolo, Ba-Mazatec ba ne ba itirela mokgwa mongwe wa puo ya bone ya go letsa molodi. Pedro yo e leng mosha wa Mo-Mazatec a re: “Se-Mazateco ke puo e e dirisang segalo. Ka jalo, fa re letsa molodi re etsa segalo le moribo wa puo e e buiwang. Mme re letsa molodi ka dipounama fela re sa dirise menwana.”a
Tsala ya ga Pedro e e bidiwang Fidencio e tlhalosa melemo ya puo ya bone ya go letsa molodi jaana: “Re dirisa mokgwa ono wa puisano fa re bua le motho yo o kgakala le fa re tshwere metlotlo e mekhutshwane. Ka sekai, rre a ka tswa a romile morwawe gore a ye kwa lebenkeleng go ya go reka di-tortilla mme a bo a lebala go mmolelela gore a reke le ditamati. Fa mosimane yoo a setse a le kgakala gore a ka utlwa se rraagwe a se mo rayang, rre a ka nna a letsa molodi a mo naya ditaelo.”
Basupi ba ga Jehofa le bone ba a tle ba dirise puo ya go letsa molodi fa ba buisana. Pedro o tlhalosa jaana: “Fa ke ya go rera kwa mafelong a a kwa thoko mme ke batla go kopa mokaulengwe mongwe gore a tsamaye le nna, ga ke tlhoke gore ke ye kwa ntlong ya gagwe. Ke mo letsetsa molodi fela.”
Pedro a re: “E le gore re kgone go itse gore ke mang yo o ‘buang,’ mongwe le mongwe o na le tsela e a letsang molodi ka yone. Gantsi ke banna ba Ba-Mazatec fela ba ba dirisang puo ya go letsa molodi. Basadi ba e tlhaloganya mme ka dinako dingwe ba ka e dirisa mo gae mme ga ba a tshwanela go e dirisa go buisana le monna mongwe le mongwe fela. Seo se ka tsewa se sa tshwanela.”
Ba-Mazatec ga se bone fela ba dirisang puo ya go letsa molodi; go fitlhetswe batho ba bangwe ba ba dirisang puo eo kwa Ditlhaketlhakeng tsa Canary, kwa China le kwa Papua New Guinea. Mme le bone ke batho ba ba nnang mo dithabeng le mo dikgweng tse di kitlaneng. Tota e bile, go ka tswa go na le dipuo tse di fetang 70 tsa molodi mme go setse go ithutilwe bobotlana ka di le 12 tsa tsone.
Re gakgamala tota fa re bona botswerere jo motho a nang le jone. Eleruri, fa o kopanya bokgoni jwa motho le keletso ya go batla go buisana le batho ba bangwe, tota ga go lebege motho a na le melelwane!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Ba-Mazatec ba kgona go buisana ka go fetofetola lobelo lwa molodi, segalo sa one le tsela e o utlwalang ka yone.”