LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/08 ts. 32
  • Go Fodisiwa ke “Buka ya Bogologolo Thata”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fodisiwa ke “Buka ya Bogologolo Thata”
  • Tsogang!—2008
Tsogang!—2008
g 12/08 ts. 32

Go Fodisiwa ke “Buka ya Bogologolo Thata”

Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kwa Brazil, kwa Amerika Borwa, o ne a ntse a etela batho mo malapeng a bone fa a ne a kopana le mosadi mongwe yo o neng a mmolelela gore mmatsalaagwe o ne a fodisitswe ke buka nngwe. E re ka Mosupi yono a ne a batla go itse, o ne a botsa gore ke buka efe. Mosadi yoo o ne a re: “Ke buka ya bogologolo thata” mme o ne a tla le buka ya morwawe e e neng e onetse ya Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela.

Mosadi yono o ne a tlhalosa gore mmatsalaagwe o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong mme o ne a boifa loso le go nna mo lefifing thata jaana mo e leng gore o ne a sa batle go tswa mo bolaong jwa gagwe. Morwa wa mosadi yono o ne a na le buka ya Dipolelo Tsa Bibela, mme o ne a simolola go e balela mmemogolo wa gagwe. Mmemogolo o ne a kgothadiwa ke se ngwana wa ngwana gagwe a neng a se mmalela mo e leng gore o ne a kgona go fenya bothata jwa gagwe.

Mosupi yono o tlhalosa jaana: “Fa ke ne ke bolelela mosadi yoo gore buka eo e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa le gore ke ne nka mo tlisetsa khopi e ntšha, o ne a kopa gore ke mo tlisetse di le pedi—ya ga mmatsalaagwe le ya gagwe. Fa ke ne ke mo tlisetsa dibuka tseo, o ne a kopa tse di oketsegileng. Fa nako e ntse e ya, o ne a kopa dikhopi di le 16 tsa buka eno gore a di neye ditsala tsa gagwe!”

O ka kopa go romelelwa khopi ya Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela, e e nang le dipolelo di le 116 tse di bolelang ka batho le ditiragalo tsa Baebele. Mo dingwageng di le 30 tse di fetileng fa e sa le buka eno e gatisiwa, go ile ga gatisiwa dikhopi tse di fetang dimilione di le 72. O ka kopa go romelelwa khopi ya gago ya buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go ipofa ke kopa khopi ya buka e e bontshitsweng fano.

ontsha gore ka puo efe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela