E ba Thusa go Tshela Botshelo jo bo Nang le Bokao jo bo Botoka
◼ Buka ya ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’ e amile thata batho ba le bantsi ba ba e badileng. Mosadi mongwe o ne a re: “E dirile gore Jesu e nne motho wa mmatota thata mo go nna. Ke tlhaloganya seabe sa gagwe botoka. Ke batla go tshela botshelo jo bo nang le bokao thata gone jaanong mme ke nne le seabe mo go boleleng dikgang tse di molemo tse batho ba di tlhokang thata.”
Rre mongwe o ne a kwala jaana: “Buka eno e dirile gore ke lemoge botlhokwa jwa go etsa sekao se se itekanetseng se Jesu a re tlogeletseng sone . . . Mo bukeng eno, ke ithutile go tlhatlhanya ka dithuto tsa ga Jesu le ka dinonofo tse a neng a di bontsha fa a ne a le mo lefatsheng—boikokobetso, lorato, bopelotelele jo bogolo, kutlo le boitshoko. Jesu o re tlogeletse sekao se se molemo se se ileng sa nkgothaletsa gore ke tswelele.”
Mmadi yo mongwe o ne a bolela gore o dumalana ka botlalo le mafoko a a kafa morago ga buka eno, a bontlhanngwe jwa one a reng: “Jesu Keresete ke Moeteledipele yo re mo abetsweng ke Modimo yo batho botlhe ba mo tlhokang. . . . Buka eno e tla go thusa go itse Jesu fela thata le go mo latela gaufiufi.” Morago ga foo mmadi yono o ne a re, “Buka eno e re thusa tota go rata Jesu, go dumela mo go ene, go mo utlwa le go mo latela.”
Buka ya ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’ e na le ditsebe di le 192, tse di akaretsang ditsebe di le 13 tsa ditshwantsho tsa mmala tse di bontshang dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng. O ka kopa go romelelwa khopi ya gago ya buka eno ka go tlatsa setlankana se se fa tlase fano mme o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
□ Kwantle ga go ipofa ke kopa khopi ya buka e e bontshitsweng fano.
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.