“Go Kaelwa ke Moya wa Modimo”
Kopano ya Kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa
◼ DIKETEKETE tsa dikopano tseno tsa malatsi a le mararo, tse di simolotseng kwa United States ka mafelobeke a May 23-25, di tla tshwarwa mo dikgweding tse di tlang mo ditoropong tse dintsi go ralala lefatshe. Ka 2007 batho ba ba fetang dimilione di le 12 ba ne ba nna teng kwa dikopanong tse di ntseng jalo tse di fetang 3 200!
Mo mafelong a le mantsi monongwaga, dithulaganyo tsa kopano di tla simolola ka 9:20 a.m ka mmino. Setlhogo sa Labotlhano, se se theilweng mo go Johane 16:13 sa re “Moya . . . O Tla lo Kaela mo Boammaaruring Jotlhe.” Dingwe tsa dipuo tsa ntlha di na le ditlhogo tse di reng “Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Kaelwa ke Moya wa Modimo?” le “Moya o o Boitshepo—O a Dira mo Popong!” Dipuo tsa neeletsano tse di nang le setlhogo se se reng “Batho ba ba Ikanyegang ba Bogologolo—ba ba Neng ba Kaelwa ke Moya wa Modimo” di tla akaretsa ditlhogo tse di reng “Mo Motlheng wa ga Moshe,” “Mo Motlheng wa Baatlhodi,” le “Mo Lekgolong la Ntlha la Dingwaga.” Puo ya setlhogo e e nang le setlhogo se se reng “Kafa Moya o o Boitshepo o Ileng wa Thusa ka Teng mo go Diragatseng Maikaelelo a ga Jehofa,” se tla konela thulaganyo ya mo mosong.
Puo ya ntlha ka Labotlhano thapama ya setlhogo se se reng “Dikarabo Tsa Dipotso Tse di Malebana le Moya o o Boitshepo,” e tla latelwa ke dipuo tse di nang le ditlhogo tse di reng “Moya o Hukutsa . . . Dilo Tse di Boteng Tsa Modimo” le “Nnang Bautlwi le Badiri ba Lefoko la Modimo.” Dipuo tsa neeletsano tse di nang le setlhogo se se reng “Basha—Tsamayang ka Moya o o Boitshepo!” di na le ditlhogo tse di reng “Kwa Sekolong,” “Kwa Tirong,” “Mo Lelapeng,” “Mo Phuthegong,” “Mo Dilong Tse di Dirwang le ba Bangwe,” le “Fa o le Nosi.” Thulaganyo e tla konela ka ntlhakgolo ya kopano e leng puo ya setlhogo se se reng “Basha—Sireletsang Kamano ya Lona le Jehofa,” e leng puo e e tla thusang basha gore ba dire seo.
Setlhogo sa thulaganyo ya Matlhatso se se reng “Go Jalela Moya,” se theilwe mo go Bagalatia 6:8. Thulaganyo ya mo mosong e tla akaretsa dipuo tsa neeletsano tse di dikarolo tse tharo tsa setlhogo se se reng “Go Kaelwa ke Moya wa Modimo mo Bodireding Jwa Rona.” Thulaganyo e tla konela ka puo ya kolobetso mme morago ga yone ba ba tshwanelegang ba tla kolobediwa.
Puo ya ntlha ya Matlhatso ka thapama e tla bo e na le setlhogo se se reng “Bakwadi ba Baebele—‘Ba ba Nang le Moya o o Boitshepo’” e tla latelwa ke dipuo tsa neeletsano tse di nang le dikarolo di le tlhano ka setlhogo se se reng “Go Nonotshiwa ke Moya o o Boitshepo” “Go Lwantsha Thaelo,” “Go Lepalepana le go Lapa le go Kgobega Marapo,” “Go Itshokela Pogiso,” “Go Ganana le Kgatelelo ya Balekane e e Kotsi,” le “Go itshokela Kganetso.” Letsatsi leo le tla konela ka ntlhakgolo e nngwe ya kopano ya setlhogo se se reng “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo.”
Thulaganyo ya Sontaga mo mosong e tla bua ka setlhogo se se reng “Nnang lo Tsamaye ka Moya,” se se theilweng mo go Bagalatia 5:16. Dipuo tsa neeletsano tse di nang le dikarolo tse robongwe tsa setlhogo se se reng “Tlhagolelang ‘Maungo a Moya’” se tla bua ka karolo nngwe le nngwe ya maungo a moya a a umakiwang mo go Bagalatia 5:22, 23. Puo ya phatlalatsa ya setlhogo se se reng “Bona Masego ka Kgosi ya ga Jehofa e e Kaelwang ke Moya!” e tla konela thulaganyo ya mo mosong. Karolo e e botlhokwa ya thapama ke terama ya metlha ya Baebele ya setlhogo se se reng “Lo se Ka Lwa Tlogela Lorato lo lo Neng Lo na Le Lone Pele.” E bontsha maikutlo a Bakeresete ba ba neng ba tshela mo bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba ka tswa ba ne ba na le one le maemo a ba neng ba ka tswa ba ne ba tshela mo go one. Kopano e konela ka puo e e nang le setlhogo se se reng “Go Direla Jehofa ka Boikanyegi le Phuthego ya Gagwe e e Kaelwang ke Moya.”
Dira dithulaganyo tsa gore o nne teng. Go bona lefelo le kopano e tla tshwarelwang mo go lone le le gaufi le fa o nnang gone, ya kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kgotsa kwalela bagatisi ba makasine ono.