Tiragalo e e Botlhokwa go Gaisa mo Hisitoring
Tiragalo eo e ne e le loso lwa ga Jesu Keresete. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
E ne e tlotlomatsa tshiamo ya Modimo, le go bontsha gore batho ba ka tswelela ba ikanyega mo Modimong.
E ne ya bulela batho tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise.
Jesu ka boene o ne a tlhoma segopotso sa loso lwa gagwe bosigo pele ga a swa. E ne e le moletlo o o tlwaelegileng. Ka nako ya moletlo oo, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—Luke 22:19, 20.
A o Tla Gopola?
Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa go tla go gopola le bone tiragalo eno e e botlhokwa mo hisitoring. Monongwaga letlha la tiragalo eno e tla nna Matlhatso, March 22, fa letsatsi le sena go phirima. Tsweetswee botsa ka nako e e tlhomameng le ka lefelo kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la lona. Ga go tsewe dikoleke dipe, mme baeti ba ka nna ba reetsa puo e e layang le go lebelela tsela e e sa raraanang e dilo di dirwang ka yone.