E Ratwa go Feta Ditshamekisi Dipe Fela
A bana ba bannye ba ka rata buka go feta ditshamekisi? Ee ba ka e rata, fa batsadi ba ka ba ruta go tswa boseeng. Mebrahdtu le Angela, banyalani bangwe ba kwa California, U.S.A., ba ne ba simolola go balela morwadiabone buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo go tloga fela ka nako ya fa ba ne ba tla le ene go tswa kwa kokelong.
Batsadi ba re: “Ka ntlha ya seo, o ne a simolola go rata buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Go tloga ka nako ya fa a ne a le dikgwedi di le 12 o ne a simolola go re kopa gore re mmalele buka e a neng a re ke buka ya Jesu. Gone jaanong Julianna o na le dingwaga di le tharo mme o leta ka tlhoafalo nako e e monate e a itumelelang yone le Mama kgotsa Papa letsatsi le letsatsi. Ga se go feteletsa dilo fa re re morwadiarona o rata buka eno go feta ditshamekisi dipe fela. Ditshwantsho le dipapiso tsa yone di mosola thata. Le rona batsadi re ithuta dilo di le dintsi mo go yone.”
O ka kopa khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256 tse di nang le ditshwantsho tse dintle, e e lekanang le makasine ono. Tlatsa fela setlankana se se fa tlase fano o bo o se romela kwa atereseng e e bontshitsweng kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.
❑ Kwantle ga go ipofa ke kopa buka e e bontshitsweng fano.
❑ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya Baebele.