LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 1/06 ts. 5
  • A Isagwe e Tla Nna e e Itumedisang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Isagwe e Tla Nna e e Itumedisang?
  • Tsogang!—2006
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditebelelo tsa Gago Ka Isagwe Di Tlhomame Go le Kana Kang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1984
  • A Lefatshe le Felelwa ke Nako?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tumelo le Isagwe ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Isagwe E Ntsholetse Eng?
    Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2006
g 1/06 ts. 5

A Isagwe e Tla Nna e e Itumedisang?

Batho ba kgatlhegela isagwe fela thata. Ke mang mo go rona yo o sa rateng go itse gore o tla bo a dirang kgwedi e e tlang, ngwaga o o tlang kgotsa dingwaga di le lesome tse di tlang? Fa re lebela dilo kgakala, re ka ipotsa gore lefatshe leno le tla bo le ntse jang mo dingwageng di le 10, di le 20 kgotsa di le 30 tse di tlang?

A O NA le tsholofelo ka isagwe? Batho ba le bantsi ba na le tsholofelo, mme batho bano ba ka kgaoganngwa ka ditlhopha di le pedi: sa ntlha ke sa batho ba ba bolelang fa ba na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore dilo di tla siama mme sa bobedi ke sa batho ba ba nnang ba na le tsholofelo fela ka gonne go tshosa go akanya ka dilo tse dingwe tse di ka diregang.

Ebu, batho ba bangwe bone ga ba a lebelela sepe se se molemo ka isagwe. Bangwe ba bone ke batho ba ba bolelelang pele masetlapelo, mme go bonala ba itumedisiwa ke go itsise gore lefatshe le tlile go senngwa ka masetlapelo mangwe. Go ya ka se ba se bolelang ka isagwe, fa e le gore go tla nna le bafalodi, e tla nna ba se kae fela.

Ke eng se wena o se akanyang ka isagwe? A se o se bonang fela ke masetlapelo kgotsa a o bona go tlile go nna le kagiso le pabalesego? Fa e le gore o lebeletse kagiso le pabalesego, ke eng fa o na le tsholofelo eo—a ke go ijesa dijo tsa ditoro fela kgotsa o na le mabaka a a nonofileng a go dumela jalo?

Go farologana le batho ba ba bolelelang pele masetlapelo, bagatisi ba Tsogang! bone ga ba dumele gore batho ba tlile go fedisiwa gotlhelele. Mo godimo ga moo, Baebele e na le mabaka a a utlwalang a a re tlhomamisetsang gore re solofele sengwe se se molemomolemo mo isagweng.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

U.S. Department of Energy photograph

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela