LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g02 3/8 ts. 32
  • Kafa a Gapileng Sekgele ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa a Gapileng Sekgele ka Gone
  • Tsogang!—2002
Tsogang!—2002
g02 3/8 ts. 32

Kafa a Gapileng Sekgele ka Gone

Mosha mongwe o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Lusaka, Zambia, go leboga Tsogang! O ne a tlhalosa gore ka ntlha ya makasine ono o ile a abelwa sekgele mo kgaisanong ya go kwala tlhamo ya baithuti ba sekolo sa sekontari. Baithuti ba ne ba neelwa setlhogo se se reng “Kgaisano ya Kwa Lefaufaung—Selo se Segolo Thata se se Senyang Madi mo Lefatsheng” mme ba ne ba bolelelwa gore ba dire dipatlisiso ka setlhogo seno. Mosha yono o tlhalositse jaana:

“Go ise go ye kae ke ne ka bona tokololo ya September 8, 1992, ya Tsogang! [ka Seesemane]. Makasine ono o ne o na le se ke neng ke se batla. Ke ne ka dirisa gape le dintlha tse ke di nopotseng mo ditokololong tse dingwe tsa Tsogang!” Tuelo ya go bona maemo a ntlha e mosha yono a neng a e amogela e ne e akaretsa le tšheke ya R675. O ne a tlhalosa jaana ka boitumelo: “Mo bathong ba le bantsi, Tsogang! e itshupile e le lokwalopaka lo lo gapang dikgele.”

Fa batho mo lefatsheng ka bophara ba akanya ka tsela e lefaufau le rulagantsweng ka yone—go akaretsa le maano a puso a gore e sireletse mafelo a yone gore a se ka a tlhaselwa—ba le bantsi ba ipotsa gore a go tla tsamaya go nna le lefatshe le le se nang ntwa. Yone potso eno ke setlhogo sa boroutšhara jwa ditsebe di le 32 jo bo nayang bosupi jo bo nonofileng jwa gore lefatshe le le ntseng jalo le tla nna gone. Mme jang? le gone leng?

Re go kopa gore o bale boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War? O ka nna wa kopa boroutšhara jono ka go tlatsa setlankana se se fa tlase le go se romela kwa atereseng e e bontshitsweng mo setlankaneng seno kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomeleleng khopi ya boroutšhara jwa Will There Ever Be a World Without War?

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela