Go Ngomoga Pelo—“Mmolai yo o Bofitlha”
“Letshwao la ntlha le ke neng ka le lemoga e ne e le go utlwa botlhoko thata. Go ne ga simologa gaufi le seperuperu; ga anamela ka bonako kwa magetleng, kwa thamong le kwa ditlhaeng; mme ga fologela kwa matsogong a me a mabedi. E ne e kete ke wetswe ke tlou mo sehubeng. Ke ne ke sa kgone le go hema. Ke ne ka simolola go fufulelwa. Ka simolola go gadikega le go feroga sebete thata. . . . Moragonyana fa baoki ba ne ba nthusa go mpaya mo bolaong jwa bookelo, ke gakologelwa ke bua jaana ka ntlha ya go gakgamala, ‘Pelo ya me e a ema.’ Ke ne ke na le dingwaga di le masome a manè le bonè.”
DR. ROBERT S. ELIOT o tlhalositse maitemogelo a gagwe jalo fa a ne a batla a bolawa ke pelo dingwaga di feta 20 tse di fetileng, mo bukeng ya gagwe ya From Stress to Strength. Mo mosong pele ga foo o ne a ile kwa khonferenseng mme a ema batho ka lefoko gone—selo se se gakgamatsang ke gore, o ne a bua ka kgang ya go tshwarwa ke pelo. Ka tshoganyetso fela, Dr. Eliot yo e leng ngaka ya malwetse a pelo, o ne a iphitlhela a le mo go se a se bitsang “letlhakore le sele la dilaakane tsa kamore ya balwetse ba pelo.” O ne a amanya masetlapelo ano a a sa solofelwang le eng? Dr. Eliot a re: “Go ya kafa ke neng ke ikutlwa ka gone, ke ne ke bolawa ke kafa ke neng ke tsibogela go ngomoga pelo ga me ka teng.”a
Jaaka maitemogelo a ga Dr. Eliot a bontshitse, go ngomoga pelo go ka baka ditlamorago tse di diphatsa. Eleruri, kwa United States go ile ga amanngwa le dingwe tsa dilo tse di bolayang batho thata. Ditlamorago tsa go ngomoga pelo di ka nna teng ka tsela e e sa lemosegeng ka nako e e rileng mme tsa gakala kwantle ga temoso epe. Go a utlwala he, go bo go ngomoga pelo go bidiwa “mmolai yo o bofitlha.”
Selo se se gakgamatsang ke gore batho ba ba nang le botho jwa mofuta wa A—ba ba lemogiwang ka go fela pelo, go nna bogale le go rata go gaisana—ga se bone fela ba ba leng mo kotsing ya go tshwarwa ke malwetse a a amanang le go ngomoga pelo. Batho ba ba nang le botho jo bo ritibetseng le bone ba ka nna mo kotsing, segolobogolo fa go ritibala ga bone e le ga nakwana fela, go sa tlhomama go le kalo. Dr. Eliot o ikutlwa le ene e le motho wa mofuta ono. Jaanong o tlhagisa batho ba bangwe jaana: “O ka swa gone jaanong ka tshoganyetso—o sa lemoge gore o feditse dingwaga tse dintsi o tsamaya ka tlhagala e e ka nnang ya thubega nako nngwe le nngwe mo pelong ya gago.”
Le fa go ntse jalo, go ema pelo le go swa ka tshoganyetso ga se one fela mathata a a amanngwang le go ngomoga pelo, jaaka setlhogo se se latelang se tlile go bontsha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Le fa gone go ngomoga pelo e ka nna sengwe sa dilo tse gantsi di bakang go ema pelo, go koelana ga mafura mo ditshikeng ke gone go gobatsang ditshika tse dikgolo tsa madi thata. Ka jalo, go tla bo go se botlhale gore motho a itlhokomolose matshwao a go tshwarwa ke pelo, gongwe a dumela fela gore o tla fola fa a fokotsa go ngomoga pelo. Bona Tsogang! ya December 8, 1996 ditsebe 15-25.