Tsholofelo ya Mosetsana wa Russia
MOSETSANA wa dingwaga di le 15 wa kwa toropokgolong ya Russia e e nang le baagi ba le 100 000 ya Ukhta e e dikilometara di feta 1200 kwa bokonebotlhaba jwa Moscow o ne a bolela keletso e kgolo e a nang le yone ya gore maemo a lefatshe a tokafale. O ne a tlhalosa seno mo lekwalong leno le a neng a le kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Russia:
“Tsala ya me e mpoleletse gore buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela e tlhalosa botshelo jwa ga Jesu Keresete. Ke rata dibuka, dimakasine le diboroutšhara tsa lona thata. Mma ke tlhalose gore go tlile jang gore ke di rate. Go simologile fa ke ne ke ile kwa ofising ya dithelekerafa go ya go duela madi a radio le founo. Ke ne ka bega pampitshana fa ke le koo. Ke ne ka e sela, ka e tlhotlhora leswe ka ba ka simolola go bala pampitshana eo ya setlhogo se se reng Ke Eng Fa Botshelo bo Tletse ka Mathata Jaana?
“Ke ne ka bala ka mathata le pogo tse batho ba leng mo go tsone, mme tsebe e e kafa ntle ya pampitshana eno e supa botshelo jo bosha jo bo tlileng go nna gone mo Paradaiseng. Ke solofela gore letsatsi lengwe e tla nna gone. Ruri ke batla go bona batho botlhe ba itumetse, ba kgotsofetse, ba itekanetse sentle e bile ke batla go bona balosika lwa me ba ba tlhokafetseng. . . . Ke rata go itse gore ke tshwanetse go dira eng gore le nna ke nne le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la Paradaise. Ke kopa gore lo nthomelele tshedimosetso e e oketsegileng kana dibuka. Ke tla di duelela ke bo ke duelela le madi a go romelwa ga tsone.”
Le wena o ka amogela dibuka tse di ka go thusang go nna le tsholofelo e e tlhomameng e e tswang mo Baebeleng ya go tshela mo lefatsheng la paradaise. Fa e le gore o ka rata go nna le tshedimosetso e e oketsegileng ya gore o ka amogela jang boroutshara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? kana o ka rata mongwe a go etela mo legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo go tsebe 5.