A Madumedi Otlhe a Obamela Modimo?
Dimilione tsa batho di dumela gore madumedi otlhe ke ditsela tse di farologaneng tse di isang golo go le gongwe. Boammaaruri ke gore dithuto, dingwaokobamelo le medingwana ya madumedi e a tshwana. Ka sekai, leba sefikantswe seno sa lekgolo la borobedi la dingwaga C.E. sa tlhamane ya motho mongwe wa Se-Hindu se se tswang kwa Kerala kwa India.
Se se lemotshegang ke gore go ne go obamelwa dipoo mo madumeding a mantsi a bogologolo. Ka sekai, go ya ka mokwalahisitori wa Gerika wa lekgolo la ntlha la dingwaga B.C.E. e bong Diodorus Siculus, modimo wa Baamone e bong Moleke le ene o ne a na le sebopego sa motho mme a na le tlhogo ya poo.
Ke eng fa go na le dilo tse dintsi tse madumedi a mantsi a a farologaneng a lefatshe a tshwanang ka tsone? A madumedi ano a simologile golo go le gongwe? A ruri ke ditsela tse di farologaneng tse di isang kwa lefelong le le lengwe? A Modimo o a amogela otlhe?
Pego e e kgatlhang ya tshimologo ya madumedi a magolo a lefatshe le tsela e a neng a anama ka yone mo bukeng ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo e araba dipotso tse di ntseng jalo. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go nna le buka eno kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go tlotla le wena ka se Baebele e se buang ka kgang eno, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.