LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 11/8 ts. 32
  • Ruri o Anaanela Tora ya Tebelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruri o Anaanela Tora ya Tebelo
  • Tsogang!—1997
Tsogang!—1997
g97 11/8 ts. 32

Ruri o Anaanela Tora ya Tebelo

Moithuti mongwe yo o leng mo mophatong wa borataro go tswa kwa Toledo, Ohio, kwa U.S.A. o kwadile jaana: “Le fa gone ke le Moroma wa Katoliki, ke tla rata go nna le peeletso ya makasine wa lona o montle. Trevor ke ene a dirileng gore ke kgatlhegele Tora ya Tebelo. O nna gaufi le nna mo tlelaseng. Re na le ngwaga jaanong re le ditsala, mme o nthutile dilo tse dintsi ka ga Jesu, Jehofa le Basupi ba ga Jehofa.

“Trevor o lekana le nna ka dingwaga, ka boleele e bile o ineetse thata mo bodumeding jwa gagwe. O na le peeletso ya Tora ya Tebelo mme o nkadima dingwe tsa dimakasine tsa gagwe. Ke rata ditlhogo tse di utlwalang tse lo di kwalang. Ke solofela gore lo tla itlhokomolosa kgang ya gore ga ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme lo ntetle gore ke nne le peeletso ya makasine wa lona.”

Tora ya Tebelo le makasine wa ga one e bong Tsogang! di balwa ka boitumelo ke batho ba ditso le madumedi a mantsi go potologa lefatshe. Ngogola fela go gatisitswe dikhopi tse di fetang dimilione di le 900 tsa dimakasine tseno tse pedi ka dipuo tse di fetang 120!

Le wena o ka ungwa molemo mo go baleng Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela