“E ne E le Buka ya Ntlha go e Bala”
Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine gantsi ba bua le batho ba ba emetseng diterena. Mosadi mongwe yo o neng a kgatlhegela Baebele o ne a neelwa khopi ya Buka ya me ya Dipolelo Tsa Baebele, kgatiso e e dirisang ditshwantsho tse dintsi fa e tlhalosa tatelano ya hisitori ya Baebele.
Moragonyana mo go sone seteishene seno, mosadi yono o ne a bona Mosupi gape mme a mo lebogela buka ya gagwe, a tlhalosa jaana: “Morwaake ga a rate go ithuta dibuka tsa gagwe tsa sekolo. O di bala sewelo fela. Mme e ne ya re fa ke mo naya buka ya Dipolelo tsa Baebele, o ne a bona ditshwantsho tsa yone mme a eletsa thata go e bala. O ne a bala buka yotlhe mo dibekeng di le pedi fela. E ne e le buka ya ntlha go e bala yotlhe. Mme sa botlhokwatlhokwa ke gore o ne a itumeletse go itse ka Modimo. E bile le nna ke itumelela go bona diphetogo tseno mo go ene. Tsweetswee, nneele sengwe gape se nka se balang.”
Mosadi yo mongwe o ne a eme gaufi le bone mme a utlwa kgang eno. O ne a kopa go nna le khopi ya Buka ya me ya Dipolelo Tsa Baebele. Le wena o ka bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka amogelang khopi ya buka eno ya ditsebe di le 256 kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, ka go kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.