LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 7/8 ts. 32
  • “Ga ke Ise Nke ke Kgatlhegele go Bala Tsogang!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Ga ke Ise Nke ke Kgatlhegele go Bala Tsogang!”
  • Tsogang!—1997
Tsogang!—1997
g97 7/8 ts. 32

“Ga ke Ise Nke ke Kgatlhegele go Bala Tsogang!”

Ke mafoko a a builweng ke moithuti mongwe kwa San Jose State University kwa California, yo o dirang khoso ya Dithuto tsa Tikologo. O tswelela ka gore: “Ke ne ke na le maikutlo a gore makasine ono o ne o tlile go ntherela—‘Ya kerekeng’ kgotsa ‘Nna Mosupi wa ga Jehofa.’ Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke bala makasine ono (January 8, 1996, ‘Polanete ya Rona e e mo Kotsing—A e ka Namolwa?’), ke ne ka gakgamadiwa ke gore e ne e tlhalosa dilo sentle! Ditlhogo tsa teng di ne di na le setshwantsho se se rutang sentle sa ‘Mangwe a Mathata a Magolo a Lefatshe a Tikologo,’ se se bontshang mafelo a a tshwentsweng ke go rengwa ga dikgwa, matlakala a a botlhole, go leswafatsa atemosefere, go tlhaela ga metsi, mefuta ya ditshedi tse di nyelelang le go swafatsa naga.

“Ke santse ke sena bana le fa go ntse jalo ke tshwenngwa ke gore a ba tla hema moya o o phepa, diparaka tse ba tla tshamekelang mo go tsone kgotsa metsi gore ba tswelele ba tshela. . . . Ke le akgolela ditlhogo tseno.”

Tsogang! jaanong e anamisiwa ka dimilione di le 18,3 makasine mongwe le mongwe ka dipuo di le 80, di le 56 tsa tsone di gatisiwa ka nako e le nngwe. Fa e le gore o ka rata go bala makasine ono ka metlha, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la lona, ka go ba founela kgotsa kwa Holong ya bone ya Bogosi kgotsa kwalela kwa atereseng e e gaufi le wena mo go tse di mo go tsebe 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela