E ne Ya mo Tlhotlheletsa go Tsaya Kgato!
Monna mongwe go tswa kwa Caracas e leng moshate wa Venezuela o ne a etela rraagwe yo o setseng a godile e bong Rufino. Rraagwe o ne a nna kwa La Loma, e leng motse o o kwa kgakala wa kwa magaeng. Morwa yono o ne a tletse Rufino buka ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.
Moragonyana, Basupi ba ga Jehofa go tswa kwa Los Humocaros ba ne ba ya go rera kwa La Loma. Se se neng sa ba gakgamatsa ke gore batho ba ne ba ntse ba ba bolelela gore Mosupi mongwe o setse a ba etetse. Basupi ba ne ba gakgamala ka gonne ba ne ba itse go se na Basupi bape mo lefelong leo. Mme mongwe o ne a ba supetsa ntlo ya yo ba reng ke Mosupi—e ne e le ntlo ya ga Rufino!
Rufino o ne a itumeletse go kopana le baeng ba gagwe. Ke ka ntlha yang fa batho ba motse ba ne ba re ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa? Ke ka ntlha ya gore Rufino o ne a simolotse go bala buka ya Tshelela Ruri mme e rile a tsena mo kgaolong ya 13, o ne a bona setshwantsho sa fa Jesu a roma balatedi ba gagwe go ya go dira tiro ya go rera. Rufino o ne a swetsa ka gore le gompieno Bakeresete ba tshwanetse go dira yone tiro eo. Ka jalo a simolola go bolelela baagelani ba gagwe boammaaruri jwa Baebele jo a neng a bo ithuta.
Thuto ya Baebele ya ka metlha e ne ya simololwa le Rufino mme o ne a bolelelwa ka dipokano tsa phuthego. Mo Sontageng o o latelang o ne a ya kwa Holong ya Bogosi. Le fa Rufino a ne a na le dingwaga di le 80 o ne a tsamaile diura di ka nna tharo gore a fitlhe koo! Go tloga ka one motsi oo ga a ka a tlhoka go nna teng kwa dipokanong kwantle fela ga fa a lwala thata. O ne a ba a ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mme a neela puo e e monate tota. Rufino o ne a lwala thata mo ngwageng o o fetileng mme a tlhokafala ka July 1996 a na le tsholofelo e e tlhomameng ya go tsogela mo lefatsheng la paradaise.
Re solofela fa le wena o tla bona molemo mo go baleng buka eno e e nang le ditshwantsho tse di kgatlhang ya ditsebe tse 256 ya O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le ka fa o ka bonang khopi ya yone ka teng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.