LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 10/8 ts. 32
  • “O Ne o Ka Thusiwa ke go Tlhodumela Tsogang!”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Ne o Ka Thusiwa ke go Tlhodumela Tsogang!”
  • Tsogang!—1996
Tsogang!—1996
g96 10/8 ts. 32

“O Ne o Ka Thusiwa ke go Tlhodumela Tsogang!”

KE SE Pasquale, Mosupi yo mmotlana wa ga Jehofa yo o neng a dira khoso nngwe ya kholetšhe kwa Bari, kwa Italy, a neng a se bolelelwa fa a kopa morutisi wa gagwe wa thutatlhaloganyo gore a mo fe tshedimosetso nngwe e a neng a na le yone kaga go tshwakgolwa ke diokobatsi. Lefa go ntse jalo, mo nakong e e fetileng morutisi yono o ne a tlhoile Basupi ba ga Jehofa. Ke eng se se fetotseng maikutlo a gagwe?

Pasquale o ne a tlhalosa jaana: “Fa thuto nngwe e fela, morutisi o ne a lopa baithuti go mo thusa go batla tshedimosetso e e kaga go sotla bana, e leng setlhogo se a neng a se baakanyetsa go tlotla ka sone le baithuti ba ba neng ba alogile mme ba santse ba tsweletsa dithuto. Ke ne ka gakologelwa dingwe tsa dimakasine tsa Tsogang! tse di neng di tlotla ka kgang eno le ditlhogo tse di tsamaisanang le yone, tse di jaaka ‘Thuto ya Dilo Tse Di Amanang le Tlhakanelodikobo—Ke Mang Yo O Tshwanetseng go E Ruta?’ (March 8, 1992). Lefa go ntse jalo, ka go lemoga gore morutisi wa me o tlhoile Basupi, ke ne ka lopa mongwe yo o tsenang le nna mo tlelaseng go mo neela dimakasine tseo.”

Pasquale o tlhalosa se se neng sa diragala fa, morago ga malatsinyana, a ne a botsa morutisi wa gagwe gore a ka bona kae tshedimosetso e a neng a e batla e e kaga go tshwakgolwa ke diokobatsi: “Ga a ka a nkaraba ka yone nako eo. Go na le moo, o ne a ema ka dinao mme a tla go ntshwara ka letsogo. O ne a re pele o ne a sa batle go amogela dimakasine tsa Basupi ba ga Jehofa ka gonne a ne a di tsaya fela jaaka tse di sa neyeng kitso epe e bile e le tsa bananyana. Lefa go ntse jalo, morago fela ga go di bala a fetola mogopolo wa gagwe. O ne a re o fitlhetse diteng tsa makasine di le botlhokwa thata mo setšhabeng. O ne a re o ile go akaretsa dintlha tsa Tsogang! mo thutong ya gagwe.”

Go tweng ka kopo ya ga Pasquale ka tshedimosetso e e kaga go tshwakgolwa ke diokobatsi? O ne a mo araba jaana: “Ke tla go e neela ka pelo yotlhe, mme tota o ne o ka thusiwa ke go tlhodumela Tsogang! Ke makasine o o tlotlang ka ditlhogo tse di molemo, mme e bile o a thusa, le mo dilong tsa yunibesithi tota.”

Tsogang! e tlotla ka mathata a segompieno le go leka go neela batho ba ba lebaneng le dikgwetlho tse dikgolo kana tse dinnye thuso e e mosola mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi. Fa o batla go itse kaga thuso e Baebele e ka go neelang yone, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba ba tsamaisang Tsogang! kgotsa o kwalele kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya tsebe 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela