Sekao sa go Tshwara Batshabi
MO Molaong o Jehofa Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele, Baiseraele ba ne ba gakololwa ka seemo sa bone sa fa ba ne ba le batshabi kwa Egepeto. (Ekesodo 22:21; 23:9; Duteronome 10:19) Ka jalo, ba ne ba laelwa gore ba tshware batswakwa ba ba nnang le bone ka tsela e e molemo, ee, jaaka bakaulengwe ba bone.
Molao wa Modimo o ne wa bolela jaana: “Fa moeng [yo gantsi e neng e le motshabi] a jakile mo go lona mo lefatsheng, lo se ka lwa mo siamololela. Moeng yo o jakileng mo go lona, a a nne go lona jaaka yo o tsaletsweng mo go lona, o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto.”—Lefitiko 19:33, 34.
Ka go itse gore baagi ba batswakwa ba ne ba ka tlhaselwa e bile ba sa sireletsega, Jehofa o ne a tlhoma melao e e maleba gore ba tshwarwe sentle le go sirelediwa. Akanya ka ditshwanelo tseno tse ba neng ba di neelwa.
TSHWANELO YA GO SEKISIWA SENTLE: “Lo tlaa nna le molao o mongwe fela, wa moeng, le wa yo o tsaletsweng mo gae.” “O se ka wa soka katlholo ya moeng.”—Lefitiko 24:22; Duteronome 24:17.
TSHWANELO YA GO ABELWA DITSABOSOME: “E re go fetile dinyaga dingwe di le tharo, o ntshe sa bosome sa totafalo ya gago ya ngwaga oo, mme o se beye mo teng ga dikgoro tsa gago; mme Molefi, ka a se na kabelo le fa e le boswa nao, le moeng, le lesiela, le mosadi wa motlholagadi, ba ba mo teng ga dikgoro tsa gago, ba tlaa tla, ba ja ba kgora.”—Duteronome 14:28, 29.
TSHWANELO YA GO DUELWA SENTLE: “O se ka wa patika motlhanka yo o thapilweng a humanegile a tlhoka le fa e ka bo e le wa bana ba ga rraago, kgotsa wa baeng ba ba mo lefatsheng la gago mo teng ga dikgoro tsa gago.”—Duteronome 24:14.
TSHWANELO YA BOTSHABELO YA MOTHO YO O BOLAILENG MOTHO E SE KA BOOMO: “Metse e merataro eo e tlaa nna ya botshabelo jwa bana ba Iseraele, le jwa baeng ba ba jakileng mo go bone, gore mongwe le mongwe yo o bolayang motho ka matsheka fela, a tshabele teng.”—Dipalo 35:15.
TSHWANELO YA GO RONOPA: “E re fa lo roba thobo ya lefatshe la lona, o se ka wa robela ruri ditlhofi tsa leota la gago, le gone o se ka wa sela maronopo a thobo ya gago. Le gone o se ka wa ronopa tshimo ya gago ya mafine, le gone o se ka wa sela loungo lo lo oleng lwa tshimo ya gago ya mafine; o tlaa di siela mohumanegi le moeng; ke nna Jehofa Modimo wa lona.”—Lefitiko 19:9, 10.
Eleruri, Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, o utlwela batshabi botlhoko e bile o tshwanetse a bo a itumela tota fa le rona re dira jalo. Moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a re: “Nnang baetsi ba Modimo. . . . Lo sepele mo loratong.”—Baefeso 5:1, 2.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Boy on left: UN PHOTO 159243/J. Isaac