O ne a Batla yo o Tshepegang
Lekgarebe lengwe la kwa Ecuador le ne le ya dipotsolotsong tsa pele ga o thapelwa tiro. Morago ga go tlotla le ba bangwe ba ba neng ba tlile go botsolodiwa—botlhe ba ne ba le 36—o ne a lemoga gore o ne a sena tshono go le kalo. Ba ne ba na le maitemogelo mo tirong eo le thutego ya yunibesithi, mme ene a sena sepe sa tseno. E bile mo dipotsong tse thataro tse a neng a di bodiwa, o ne a fosa tse pedi. Lefa go ntse jalo, nngwe ya dipotso e ne e le e e batlang maikutlo a gagwe: “Boammaaruri bo kayang mo go wena?”
Lekgarebe leno le ne la araba jaana: “Boammaaruri ga se kgopolo fela e e sa reng sepe, ke selo se re tshwanetseng go tshela ka sone. Re tshwanetse go bua boammaaruri mme re se ka ra aka, gonne fa re aka, re a bo re latela ditsela tsa ga Satane Diabolo. Fa re bua boammaaruri, re itumedisa Modimo mme re tla solegelwa molemo ka borona.”
Fa manejara a ne a botsa lekgarebe leno gore le mo bodumeding bofe, o ne a araba ka gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi le le latelang o ne a itsisiwe gore go tlhophilwe ene go newa tiro eo. Kgwedi morago ga moo, mosadi yono o ne a botsa manejara gore ke eng fa a ile a tlhopha ene, mme o ne a re ke ka ntlha ya go tshepega ga gagwe.
A ga go boammaaruri gore gompieno bontsi jwa batho ga ba tshepege? Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba tlotlang Baebele ba lemotshega ka go tshepega. Tora ya Tebelo ya July 1, 1995, e ne ya re: “Mo Baebeleng, ‘boammaaruri’ ga se kgopolo e e seng ya mmatota, e batlhalefi ba ganetsanang ka yone.”
O ka solegelwa molemo ke go bala Tora ya Tebelo ka metlha, e e itsegeng lefatshe ka bophara e le mogaka mo go bueleleng boammaaruri jwa Baebele. Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kafa o ka bonang khopi ya yone ka teng kana o ka rata go rutwa Baebele mahala kwa legaeng la gago, tsweetswee kwalela Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.