LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 7/8 ts. 32
  • Somarela, Gore O se Ka wa Tlhoka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Somarela, Gore O se Ka wa Tlhoka
  • Tsogang!—1996
Tsogang!—1996
g96 7/8 ts. 32

Somarela, Gore O se Ka wa Tlhoka

MO MOTLHENG ono wa segompieno o batho ba dirisang dilo tse dintsi thata, go latlha matlakala ka tsela e a ka se tlhagiseng kotsi le matlakala mangwe a a kotsi ke bothata jo bogolo tota. Go farologana le seo, popo ya Modimo e kgona go boloka dilo le go di dirisa kgapetsa ka tsela e e gakgamatsang. Ka sekai, akanya ka lomepe lwa dinotshe. Motu, oo lekhafa la dinotshe le dirwang ka one, ke sedirisiwa se se tlhwatlhwakgolo—notshe e tlhoka dikerama di le 16 tsa tswina le modula fela o montsintsi gore e dire kerama e le nngwe fela ya motu. Dinotshe di kgaoganya jang motu wa tsone? “Matlhakore a motu a diphatlhana tsa lekhafa a nna ka boraroboraro a sekame ka dikerii di le 120, a dira diphatlhana tsa matlhakore a marataro,” go tlhalosa jalo buka ya By Nature’s Design. “Fa seno se dirilwe jaana dinotshe ga di dirise motu o montsi, mme di aga sedirisiwa se se nonofileng tota se se tlileng go olela tswina mo teng.” Ka jalo, selo seno se se dirilweng ka botlhale, e bile go somarelwa tota se kgona go dirisiwa gantsintsi!

Fa o itumelela go bala ditlhogo tse di buang ka saense le dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego mme o batla go amogela Tsogang! ka metlha, ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona kana o kwalele aterese e e gaufi le wena mo go tse di mo go tsebe 5.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela