LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 4/8 ts. 22
  • Go Bua ka Diatla Tse di Dirang Matshwao

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Bua ka Diatla Tse di Dirang Matshwao
  • Tsogang!—1996
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna o Ntshitse Matlho Gore o Bone Bosusu mo Tshimong ya Lona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • ‘Jehofa o Dirile Gore Sefatlhego sa Gagwe se ba Phatsimele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Anaanela Bakaulengwe le Bokgaitsadi ba Gago Ba ba Sa Utlweng mo Ditsebeng!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • “Thuto ya Baebele e Solegela Bosusu Molemo”
    Tsogang!—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 4/8 ts. 22

Go Bua ka Diatla Tse di Dirang Matshwao

GO SIMOLOLA ka June 1995 le go tswelela go ralala selemo sotlhe mo tshimong ya lekala la United States, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara dikopano tsa kgaolo di le 181 tsa setlhogo se se reng “Babaki ba ba Itumetseng.” Mo go tse pedi tsa tsone—e nngwe kwa botlhaba le e nngwe kwa bophirima—thulaganyo yotlhe e ne ya neelwa ka Puo ya Diatla ya Seamerika. Ka jalo thulaganyo eno e ne ya tlhaloganngwa botoka thata—ka go bo fa o dirisa puo ya bone ya diatla, batho ba ba bosusu ba kgona go tlhaloganya botoka go na le fa o ba ranolela puo e mongwe a e buang.

Go ne go na le batlakopanong ba ba neng ba tswa kwa diphuthegong tse 11 tsa puo ya diatla le ditlhopha dingwe di le 30 tsa puo ya diatla go ralala United States. E bile gape go ne go na le batlakopanong ba ba neng ba tswa kwa Boritane, Canada, Denmark, Dominican Republic, Ecuador, Jeremane, Japane, Mexico, Norway, Puerto Rico le Russia. Ka gone, batho e ne e le ba ditšhabatšhaba.

Go ne go tsentswe dibidio gore thulaganyo yotlhe e kgone go bonwa ka thelebishene. Lefa go ntse jalo, bangwe ba batho ba ba neng ba tlile ba ne ba foufetse e bile e le bosusu. Batho bano ba ne ba tla solegelwa molemo jang ke thulaganyo eno? Tota go ne go ama maikutlo tota go bona baithaopi ba ba fetang lekgolo ba ba amogana ba ba bolelela ka thulaganyo ya letsatsi leo ka mokgwa wa go ranola wa tactile (go tshwara).

Kwa dikopanong tse pedi tseno, batho ba le 36 ba ne ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa. Selo se sengwe se segolo e ne e le terama, Go Tlotla ba ba Tshwanetsweng ke Tlotlo mo Dingwageng Tsa Bone Tsa Bogodi. A bo go ne go itumedisa jang ne go bona terama eno yotlhe e neelwa ka puo ya diatla, mme seno se neela batho ba ba bosusu tshono ya gore ba nne le seabe se segolo mo go yone!

Go ne ga tla nako ya go gololwa ga buka e ntšha ya go ithuta Baebele, Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Ba ba tlileng kopanong ba ne ba itumela thata go utlwa gore buka eno e tlile go gololwa gape e le mo theiping ya bidio ka puo ya diatla! Bolumo 1 e e neng ya gololwa kwa kopanong eo e na le dikgaolo di le tharo. Go tlile go tla dibolumo tse dingwe gape tse tlhano. “A bo re lebogela bidio e ntšha eno jang ne,” go ne ga akgela jalo motlakopanong mongwe go tswa kwa Ohio. “E tlile go re thusa go fefosa tiro mo tshimong ya batho ba ba sa utlweng ka ditsebe.”

Batho ba ba 2621 ba ba neng ba tlile kwa dikopanong tse pedi tseno ba ne ba boela gae ba nonotshitswe semoyeng. Ba ne ba iketleeditse go feta pele gore ba tlile go bolela mafoko ano a mopesalema: “A dilo tsotlhe fela tse di nang le mowa di bake Jehofa. Bakang Jehofa.”—Pesalema 150:6.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela