O Tlhotlheleditswe ke Tsela e Serosha a Anaanelang Tsogang! Ka Teng
Mosha mongwe go tswa kwa nageng ya Washington kwa U.S.A., o ne a kwala jaana: “Mo tlelaseng ya rona ya Seesemane re ne ra tshwanela gore re kwalele makasine mongwe kana lokwalodikgang longwe. Ka jalo ke ne ka simolola go lebelela ditlhogo tsa dimakasine tse ke ka di arabang.
“Ke ne ka swetsa gore ke lebelele ditlhogo tsa makasine wa Tsogang! o o tlileng ka poso maabane. Ke itumela thata go bo ke ile ka dira jalo. Setlhogo se se reng ‘Go Etela Gape Kwa Russia,’ se se mo tokololong ya March 8, 1995, se ne se kgothatsa tota. Go ne ga nkgothatsa thata go bala ka tlhoafalo e Serosha wa dingwaga tse supa a nang le yone ka Bogosi jwa Modimo. Tsela e a ratang le go anaanela makasine wa Tsogang! ka yone e ne ya dira gore ke akanye ka ditlhogo tsa Tsogang! tse ke iseng ke di bale. Jaanong ke solofela gore ke tla dira maiteko a a oketsegileng go bala ditlhogo tsotlhe tse dintle tse di mo dimakasineng tsa Tsogang! le Tora ya Tebelo.”
Fa e le gore o rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka bonang khopi ya makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! ka teng kana o ka rata go rutwa Baebele mahala kwa legaeng la gago, tsweetswee kwalela go Watch Tower, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, kana kwa atereseng e e tshwanetseng mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.